LEFITIKO 8 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Arone le bomorwawe ba laolelwa tiro ya boperesiti(Ekes 29:1-37)

1Jehofa a bua le Moše a re:

2“Tsaya Arone le bomorwawe nae, le diaparo le lookwane lo lo tlolwang le kgongwana ya tshupelelo ya boleo, le diphelefu tse pedi, le seroto sa senkgwe se se sa bedisiwang;

3o phuthele phuthego yotlhe fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.”

4Moše a dira jaaka Jehofa a mo laotse; mme phuthego ya phuthelwa fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.

5Moše a raya phuthego a re: “Se ke sone se Jehofa a laotseng gore se dirwe.”

6Moše a atametsa Arone le bomorwawe, a ba tlhapisa ka metsi.

7A mo apesa hempe, a mo tlama ka moitlamo, a mo apesa kobo e telele, a baya sekhutlana mo go ene, mme a mo tlama ka moitlamo o o logilweng ka matsetseleko wa sekhutlana, a se bofelela mo go ene ka one.

8A baya letlatla la sehuba mo go ene; a tsenya Urime le Thumime mo letlatleng la sehuba.

9A mo rwesa tlhoro mo tlhogong; mo tlhorong, fa pele, a baya sematla sa gouta, serwalo se se itshepileng, jaaka Jehofa a laotse Moše.

10Moše a tsaya lookwane lo lo tlolwang, a tlotsa motlaagana le tsotlhe tse di mo go one, a di itshepisa.

11A kgatšha sebeso ka lone gasupa, a tlotsa sebeso, le dilwana tsotlhe tsa sone, le mogopo o o tlhapelang, le setlhomo sa one, go di itshepisa.

12A thela lookwane lo lo tlolwang mo tlhogong ya ga Arone, a mo tlotsa, go mo itshepisa.

13Moše a atametsa bomorwa Arone, a ba apesa dihempe, a ba tlama ka meitlamo, a fapelela ditlhoro mo go bone, jaaka Jehofa a laotse Moše.

14A atametsa kgongwana ya tshupelelo ya boleo, Arone le bomorwawe ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya kgongwana ya tshupelelo ya boleo.

15A e tlhaba; Moše a tsaya madi, a a baya mo dinakeng tsa sebeso mo tikologong ya sone ka monwana, a tlhapisa sebeso, a tshololela madi fa tlase ga sebeso, a se itshepisa, go se direla tetlanyo.

16A tsaya lomipi lotlhe, le lotswalo lwa sebete, le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsone, mme Moše a a fisetsa mo sebesong.

17Kgongwana le letlalo la yone, le nama ya yone, le moswang wa yone, a di fisa ka molelo kwa ntle ga bothibelelo, jaaka Jehofa a laotse Moše.

18A supa phelefu ya tshupelo e e fisiwang; Arone le bomorwawe ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu.

19A e tlhaba; Moše a kgatsha madi mo sebesong mo tikologong ya sone.

20A kgaoganya phelefu dirwe; Moše a fisa tlhogo, le dirwe, le mafura.

21A tlhatswa diteng le memo ka metsi; Moše a fisetsa phelefu yotlhe mo sebesong, e le tshupelo e e fisiwang, e e monko o o monate; e le tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo, jaaka Jehofa a laotse Moše.

22A supa phelefu e nngwe, phelefu ya tshwaelo; Arone le bomorwawe ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu.

23A e tlhaba; Moše a tsaya ga madi a yone, a a baya fa ntlheng ya tsebe ya ga Arone ya ka fa tsogong le legolo, le mo monwaneng o motona wa letsogo le legolo, le mo monwaneng o motona wa lonao lwa ka fa tsogong le legolo.

24A ba a lere bomorwa Arone; Moše a baya madi fa dintlheng tsa ditsebe tsa bone tsa ka fa tsogong le legolo, le mo menwaneng ya bone e metona ya mabogo a magolo, le mo menwaneng ya bone e metona ya dinao tsa ka fa tsogong le legolo; a kgatšha madi mo sebesong mo tikologong ya sone.

25A tsaya mafura le mogatla o o mafura, le lomipi lotlhe, le lotswalo lwa sebete, le diphilo tsoo pedi, le matlhaname a tsone, le serope sa ka fa tsogong le legolo.

26Mo serotong sa senkgwe se se sa bedisiwang se se neng se le fa pele ga Jehofa, a tsaya papetlana e le nngwe fela ya senkgwe se se sa bedisiwang, le papetlana e le nngwe fela ya senkgwe sa lookwane, le senkgwenyana se le sengwe fela se se lotsatsa, a di baya mo godimo ga mafura le mo godimo ga serope sa ka fa tsogong le legolo.

27A di baya tsotlhe mo diatleng tsa ga Arone le mo diatleng tsa bomorwawe, a di fokisa e le tshupelo ya mofoko fa pele ga Jehofa.

28Moše a di tlosa mo diatleng tsa bone a di fisetsa mo sebesong mo godimo ga tshupelo e e fisiwang, e le setshwaela sa monko o o monate; e le tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo.

29Moše a tsaya sehuba, a se fokisa e le tshupelo ya mofoko fa pele ga Jehofa; e le kabelo ya ga Moše ya phelefu ya tshwaelo, jaaka Jehofa a laotse Moše.

30Moše a tsaya ga lookwane lo lo tlolwang, le ga madi a a mo sebesong, a kgatšha Arone ka one, le diaparo tsa gagwe, le bomorwawe, le diaparo tsa bomorwawe nae; a itshepisa Arone, le diaparo tsa gagwe, le bomorwawe, le diaparo tsa bomorwawe nae.

31Moše a raya Arone le bomorwawe a re: “Apeelang nama fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo, lo e jele gone le senkgwe se se mo serotong sa tshwaelo, jaaka ke laotse ka re: ‘Arone le bomorwawe ba e je.’

32Se se salang sa nama le sa senkgwe lo se fise ka molelo,

33lo se ka lwa tswela kwa ntle ga mojako wa mogope wa bophuthegelo ka malatsi a supa, go tsamaya malatsi a go tshwaelwa ga lona a dirafala, gonne o tlaa lo tshwaela ka malatsi a supa.

34Jaaka go dirilwe ka tsatsi leno, Jehofa o laotse gore go dirwe jalo, go lo direla tetlanyo.

35Lo nne fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo motshegare le bosigo ka malatsi a supa, lo tshegetse taelo ya ga Jehofa, gore lo se swe; gonne ke laotswe jalo.”

36Arone le bomorwawe ba dira dilo tsotlhe tse Jehofa o di laotseng ka seatla sa ga Moše.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help