DIANE 21 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Pelo ya kgosi e mo seatleng sa ga Jehofa, jaaka meedi ya metsi; o e sokololela kwa o go ratang.

2Tsela nngwe le nngwe ya motho e siame mo matlhong a gagwe; mme Jehofa o lekanya dipelo bokete.

3Go dira tshiamo le tshiamiso go lebosega mo go Jehofa bogolo go tshupelo.

4Matlho a a kalegileng le pelo e e ikgodisang, le e leng lobone lwa baikepi ke boleo.

5Dikgopolo tsa batlhoafadi di ganelela kwa letlotlong fela, mme mongwe le mongwe yo o potlakang o potlakela go ya kwa go tlhokeng fela.

6Go bapala dikhumo ka loleme lo lo akang, ke mouwane o o kgweelediwang kwa le kwa; ba ba di batlang ba batla loso.

7Go tsubukanya ga baikepi go tlaa ba kgokgweeletsa koo, ka ba gana go dira tshiamiso.

8Tsela ya yo o rweleng lekokoma la boleo e motsokodia thata; mme ka ga yo o itshekileng, tiro ya gagwe e siame.

9Go molemo go aga mo kgokgotshong kwa godimo ga ntlo, bogolo go go nna le mosadi yo o omanang mo ntlong e e atlhameng.

10Mowa wa moikepi o eletsa bosula, wa ga gabo ga a ke a bona botsalano bope mo matlhong a gagwe.

11E a re mosotli a bediwa, yo o sa tlhalefang a tlhalefisiwe, mme fa motlhale a rutwa a amogele kitso.

12Mosiami o akanya ntlo ya baikepi; ka fa baikepi ba ribegelediwang tshenyegong ka gone.

13Le fa e le mang yo o thibelang go gala ga mohumanegi ditsebe tsa gagwe, le ene o tlaa gala, mme ga a ketla a utlwiwa.

14Neo e e ntshiwang go sa itsiwe e timola bogale, le thelesetso mo sehubeng e timetsa kgalefo e kgolo.

15Ke boitumelo mo basiaming go dira tshiamiso; mme ke go dira tshenyo mo go ba ba dirang boikepo.

16Motho yo o timelwang ke tsela ya tlhaloganyo, o tlaa lala mo phuthegong ya baswi.

17Yo o ratang letlhapelo o tlaa nna mohumanegi, yo o ratang bojalwa jwa mofine le lookwane ga a ketla a huma.

18Moikepi o nna serekololo sa mosiami; le yo o bonongwane a nne mo boemong jwa mothokgami.

19Go molemo go nna mo lefatsheng le le sa nnweng fela, bogolo go go nna le mosadi yo o omanang le yo o khutlogang.

20Go na le khumo e e tlhokegang le lookwane mo ntlong ya motho yo o botlhale, mme motho yo o seeleele a e kometse.

21Yo o latelang tshiamo le boutlwelobotlhoko, o bona botshelo, le tshiamo, le tlotlo.

22Motho yo o botlhale o palamela mo motseng wa bathata, a kokobetse thata ya boikgantsho jwa one.

23Le fa e le mang yo o dibelang molomo le loleme, o dibela mowa wa gagwe mo ditlalelong.

24Motho yo o boikgodiso le moipegi, leina la gagwe ke mosotli, o dira ka boitelaganyo jwa o boikgodiso.

25Keletso ya seramatla e a se bolaya, gonne diatla tsa sone di gana go dira.

26Go na le yo o eletsang ka bopelotshetlha motshegare otlhe, mme mosiami o aba fela, a sa rekegele.

27Tshupelo ya moikepi ke sefedisapelo, bogolo jang fa a e isa ka pelo ya boikepo!

28Mosupi yo o tsietsang o tlaa nyelela, mme motho yo o utlwang mafoko o tlaa bua a sa ganediwe.

29Moikepi o bifisa sefatlhogo sa gagwe, mme ka ga mothokgami o ithulaganyetsa ditsela tsa gagwe.

30Ga go na sa botlhale le fa e le sa tlhaloganyo, le fa e le sa kgakololo se se ka ganelang le Jehofa.

31Pitse e baakanyediwa motlha wa tlhabano, mme phenyo yone e tswa kwa go Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help