PESALEMA 24 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgosi ya kgalaleloPesalema ya ga Dafite.

1 Lefatshe ke la ga Jehofa,

le botlalo jwa lone;

lefatshe le ba ba agileng mo go lone.

2Ka gobo o le theile mo mawatleng,

o le tlhomamisitse mo merwaleleng.

3E mang yo o tlaa tlhatlogelang

mo thabaneng ya ga Jehofa?

Mme mang yo o tlaa emang

mo felong ga gagwe ga boitshepo?

4 Ke yo o diatla dintle

le pelo e e itshekileng;

yo o se kang a tsholeletsa mowa

wa gagwe kwa boithamakong,

mme a sa ikana ka go tsietsa.

5Ene o tlaa amogela letlhogonolo

mo go Jehofa, le tshiamo

mo Modimong wa poloko ya gagwe.

6Lo, ke lone losika

lwa ba ba o senkang,

ba ba senkang sefatlhogo sa gago,

Modimo wa ga Jakobe. Sela.

7Tsholetsang ditlhogo, lona dikgoro;

tsholetsegang lona mejako

e e sa leng e nna go tswa tsose;

mme Kgosi ya kgalalelo e tlaa tsena.

8Kgosi ya kgalalelo e mang?

Ke Jehofa yo o thata, yo o bonatla,

Jehofa yo o bonatla mo ntweng.

9Tsholetsang ditlhogo, lona dikgoro;

ee, lo di tsholetse, lona mejako

e e ntseng ka bosakhutleng;

mme Kgosi ya kgalalelo e tlaa tsena.

10Kgosi eo ya kgalalelo ke mang?

Jehofa wa masomosomo,

ke ene Kgosi ya kgalalelo. Sela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help