I JOHANE 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kamogelo ya Mowa wa boammaaruri

1Baratwa, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe fela, mme lo tlhotlhomise mewa, bo ke ya Modimo; ka baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tswetse mo lefatsheng.

2Mowa wa Modimo lo tlaa o itse ka gone mo; mowa mongwe le mongwe o o ipolelang gore Jesu Keresete o tsile mo nameng, ke one wa Modimo.

3Mme mowa mongwe le mongwe o o sa ipoleleng Jesu, ga se wa Modimo; o ke one mowa wa moganetsa Keresete, o lo o utlwetseng fa o tla; jaanong o setse o le mo lefatsheng.

4Lona lo ba Modimo, banyana ba me, lo ba fentse; ka yo o mo go lona a le mogolo go feta yo o mo lefatsheng.

5Bone ke ba lefatshe; ke gone ba buang jaaka ba lefatshe, mme lefatshe le ba utlwe.

6Rona re ba Modimo; yo o itseng Modimo o a re utlwa; mme yo o seng wa Modimo ga a re utlwe. Re a itse mowa wa boammaaruri, le mowa wa timelo ka gone moo.

Modimo ke lorato

7Baratwa, a re rataneng; gonne lorato ke selo sa Modimo. Mongwe le mongwe yo o ratang o tsetswe ke Modimo, o bile o itse Modimo.

8Yo o sa rateng ga a itse Modimo; gonne Modimo o lorato.

9Lorato lwa Modimo lo bonatsheditswe rona ka gone moo, ka Modimo o romile Morwa one yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng, gore re tshele ka ene.

10Lorato lo mo, e seng gore re ratile Modimo, fa e se gore, o ratile rona, mme wa roma Morwa one go tla a nna seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.

11Baratwa, fa Modimo o re ratile mo go kalo, le rona re tshwanetse go ratana.

12 Ga go motho ope yo o ileng a bona Modimo ka motlha ope; fa re ratana, Modimo o nnetse ruri mo go rona, le lorato lwa one lo dirilwe boitekanelo mo go rona.

13Re a itse fa re nnetse ruri mo go one, le one mo go rona ka gone moo, ka o re abetse Mowa wa one.

14Re bonye, re bile re a supa fa Rara a romile Morwawe go tla a nna Mmoloki wa lefatshe.

15Le fa e le mang yo o tlaa ipolelang gore Jesu ke Morwa Modimo, Modimo o nnetse ruri mo go ene, le ene mo Modimong.

16Re a itse, re bile re dumetse lorato lo Modimo o re ratang ka lone. Modimo o lorato; yo o nnetseng ruri mo loratong, o nnetse ruri mo Modimong, le Modimo o nnetse ruri mo go ene.

17Lorato lo dirwa boitekanelo kwano go rona ka gone mo, gore re tle re nne le botlhokapoifo mo tsatsing la tsheko; gonne jaaka a ntse, le rona re ntse fela jalo mo lefatsheng leno.

18Ga go na poifo epe mo loratong; mme lorato lo lo itekanetseng lo tle lo latlhele poifo kwa ntle, ka poifo e na le petso; yo o boifang ga a a dirwa boitekanelo mo loratong.

19Rona re a rata, ka gobo o re ratile pele.

20Fa motho a re: “Ke rata Modimo,” mme a ile mogagabo, o maaka; gonne yo o sa rateng mogagabo yo o mmonang ka matlho, ga a ka ke a rata Modimo, o a iseng a o bone.

21Mme taolo e re e tshotse mo go ene, gore yo o ratang Modimo, a a rate le mogagabo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help