1Moše a bua le ditlhogo tsa ditso tsa bana ba Iseraele, a re: “Se ke sone se Jehofa o se laotseng:
2 Fa monna mongwe a ikanele Jehofa, kgotsa fa a ikana ikano gore o golega mowa wa gagwe ka kgolego, a a se tlole lefoko la gagwe; a a dire gotlhe fela ka fa go tswang mo molomong wa gagwe ka gone.
3Le gone fa mosadi a ikanela Jehofa, a ikgolega ka kgolego a sa ntse a le mo ntlong ya ga rraagwe, a le mo borweetsaneng jwa gagwe;
4mme fa rraagwe a utlwa ikano ya gagwe, le ikgolego ya gagwe e o ikgolegileng mowa ka yone, fa rraagwe a mo didimalela fela, foo maikano otlhe a gagwe a tlaa ema fela, le ikgolego nngwe le nngwe e o ikgolegileng mowa ka yone e tlaa ema.
5Fa rraagwe a gana ka letsatsi le o utlwileng ka lone; a go se eme maikano ape a gagwe, le fa e le ikgolego epe e o ikgolegileng mowa ka yone; Jehofa o tlaa mo itshwarela, gonne rraagwe o ne a gana.
6Fa a nyetswe ke monna, maikano a gagwe a sa ntse a le mo go ene, kgotsa puo ya molomo wa gagwe ya potlako e o ikgolegileng mowa ka yone;
7fa monna wa gagwe a e utlwa, mme a mo didimalela fela ka letsatsi le o utlwang ka lone, foo maikano a gagwe a tlaa ema, le diikgolego tse o ikgolegileng mowa ka tsone di tlaa ema.
8Fa monna wa gagwe a gana ka tsatsi le o utlwang ka lone, foo o tlaa dirolola ikano ya gagwe e nne lefela, le puo ya molomo wa gagwe ya potlako, e o ikgolegileng mowa ka yone; Jehofa o tlaa mo itshwarela.
9Ikano ya moswagadi, kgotsa ya yo o tlhadilweng, gotlhe mo o ikgolegileng ka gone, go tlaa mo emela fela.
10Fa a ikanne mo ntlong ya monna wa gagwe, kgotsa a ikgolega mowa ka ikgolego ka ikano,
11mme monna wa gagwe a go utlwa, a mo didimalela fela, a se ka a gana: foo maikano a gagwe otlhe a eme, le ikgolego nngwe le nngwe e o ikgolegileng mowa ka yone e eme.
12Fa monna wa gagwe a sa di amogele, tsa nna lefela ka tsatsi le o di utlwileng ka lone, foo le fa e ka nna eng se se duleng mo molomong wa gagwe ka ga maikano a gagwe, kgotsa ka ga ikgolego ya mowa wa gagwe, a go se ka ga ema; monna wa gagwe o di dirile lefela; Jehofa o tlaa mo itshwarela.
13Ikano nngwe le nngwe, le yone ikano e e golegileng mosadi gore a ipatike mowa, monna wa gagwe o ka e tlhomamisa, gape monna wa gagwe o ka e dira lefela.
14Fa monna wa gagwe a mo didimalela fela ka malatsi otlhe, foo o tlhomamisa maikano otlhe a gagwe, le diikgolego tsotlhe tsa gagwe tse di mo go ene; o di tlhomamisitse ka tsatsi le o di utlwileng ka lone.
15Fa a sa di amogele, di nna lefela a sena go di utlwa, foo a monna a rwale tshiamololo ya mosadi.”
16E ke yone melao e Jehofa o e laoletseng Moše, gare ga monna le mosadi wa gagwe, gare ga rra motho le morwadie, a sa ntse a le mo borweetsaneng, mo ntlong ya ga rraagwe.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.