1 SAMUELE 20 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jonathane o thusa Dafite go falola

1Dafite a tshaba a tswa Naiothe kwa Rama, a tla a bua fa pele ga Jonathane a re: “Ke dirileng? Boikepo jwa me ke eng? Le boleo jwa me ke eng fa pele ga rraago, fa e bo ne ne a senka go mpolaya jaana?”

2A mo raya, a re: “A go se tualo; ga o ketla o swa; bona, rre ga a dire sepe se segolo le fa e le se sennye, a sa se ntshenolele. Rre o tlaa bo a ntobetse selo se ka ntlha yang? Ga go a nna jalo.”

3Gape Dafite a ikana a re: “Rraago o itse sentle fa ke bonye botsalano mo matlhong a gago; mme a re: ‘A Jonathane a se itse selo se, o ka tla a hutsafala.’ Ruri jaaka Jehofa a tshedile, le jaaka mowa wa gago o tshedile, gare ga me le loso go na le kgato e le nngwe fela.”

4Foo Jonathane a raya Dafite a re: “Le fa e ka ne e le eng se mowa wa gago o se eletsang, ke tlaa se go direla fela.”

5 Dafite a raya Jonathane a re: “Bona, ka moso go rogwa kgwedi, ga ke a tshwanela go tlhokafala mo go duleng le kgosi fa go jewa; a ko o ntese ke tsamaye, ke ye go iphitlha mo nageng go ya letsatsing la boraro go le maitsebowa.

6Fa rraago a ntlhoka gongwe, o tle o re: ‘Dafite o ne a ntopa thata, gore a ke a sianele kwa Bethelehema motse wa ga gabo; gonne go na le tlhabelo ya ngwaga gone, ya losika lwa gagwe lotlhe fela.’

7E tlaa re fa a bua jaana, a re: ‘Go molemo;’ foo motlhanka wa gago o tlaa bona kagiso; mme fa a nna bogale, foo o bo o itse fa bosula bo laotswe ke ene.

8Ke gone o direle motlhanka wa gago ka bopelonomi; gonne o tsentse motlhanka wa gago mo kgolaganong ya ga Jehofa nao. Fa go na le boikepo mo go nna, o tle o mpolaye ka wesi; gonne o tlaa bo o nkisetsang kwa go rraago?”

9Jonathane a re: “A go nne kgakala nao, gonne fa nka bo ke itse fa gongwe bosula bo laotswe ke rre gore bo tle mo go wena, a ke ne ke ka bo ke sa go bolelele?”

10Foo Dafite a raya Jonathane a re: “E mang yo o tlaa mpolelelang fa e tlaa re gongwe rraago a go fetole ka mafoko a a thata?”

11Jonathane a raya Dafite a re: “A re ye kwa nageng.” Ba tswela kwa nageng boo babedi.

12Jonathane a raya Dafite a re: “A Jehofa Modimo wa Iseraele a nne mosupi; e tlaa re ka moso ka baka lono kgotsa ka moso o mongwe, ke sena go reetsa rre, bona, fa go le molemo ka ga Dafite, foo a ga ke tlaa roma kwa go wena, ke go senolele?

13A Jehofa a direle Jonathane jalo, a ba a oketse, fa e tlaa re go kgatlhile rre go go direla bosula, mme ke sa go go senolele, ke go tshabise gore o tsamaye ka kagiso; a Jehofa a nne nao, jaaka a ne a ntse le rre.

14O tlaa ntirela bopelonomi jwa ga Jehofa, gore ke se ka ka swa, e seng mo lobakeng lwa fa ke sa ntse ke tshedile lo le losi;

15 le gone o se ka wa khutlisetsa ntlo ya me bopelonomi jwa gago ka bosakhutleng; nnyaa, le e seng fa Jehofa a tlositse baba ba ga Dafite botlhe mo lefatsheng.”

16Jalo Jonathane a dira kgolagano le ntlo ya ga Dafite, a re: “Jehofa o tlaa go lopa mo seatleng sa baba ba ga Dafite.”

17Jonathane a ikanisa Dafite gape, ka ntlha ya lorato lo o mo ratang ka lone; gonne a mo rata jaaka a ithata.

18Foo Jonathane a mo raya a re: “E tlaa re ka moso go bo go rogwa kgwedi; o tlaa tlhokwa, ka setulo sa gago se tlaa bo se se na ope.

19E tlaa re o sena go tlhola malatsi a le mararo, o fologe ka bonako, o tle mo felong fa o ne wa iphitlha gone fa go dirwa tiro ele, mme o nne fa lefikeng la Esele.

20Ke tlaa hulela metswi e le meraro ka fa lotlhakoreng lwa lone, jaaka ekete ke hula sengwe se se beilweng sekao.

21Bona, ke tlaa roma mosimane, ke re a ye go senka metswi. Fa ke raya mosimane ke re: ‘Metswi e go potile ka kwano, e tseye!’ o tle, gonne go tlaa bo go le kagiso ka ga gago, e seng sepe se se botlhoko, jaaka Jehofa a tshedile.

22Mme fa ke raya mosimane jaana ke re: ‘Bona, metswi e go potile ka kwa pele,’ wena o tsamaye, gonne Jehofa o tlaa bo a go neile tsela.

23Ka ga selo se wena le nna re buileng ka ga sone, bona, Jehofa o fa gare ga gago le nna ka bosakhutleng.”

24Jalo Dafite a iphitlha mo nageng; e rile go rogwa ga kgwedi go dirala, kgosi ya dulela go ja.

25Kgosi ya dula mo setulong sa yone, jaaka ka metlha e mengwe, e bong mo setulong se se fa lomoteng; Jonathane a ema ka dinao, Abenere a bo a dutse a bapile le Saule; mme bonno jwa ga Dafite bo ne bo se na ope.

26Le fa go ntse jalo Saule a se ka a bua sepe ka tsatsi leo; gonne a ithaya a re: “Sengwe se mo diraletse, ga a a itsheka; kooteng ga a a itsheka.”

27Mme ka moso kgwedi e sena go rogwa, e le letsatsi la babedi, bonno jwa ga Dafite jwa bo bo se na ope; Saule a raya Jonathane morwawe a re: “Morwa Jese ga a tleleng go ja, le fa e le maabane, le fa e le gompieno?”

28Jonathane a fetola Saule a re: “Dafite o ne a ntopa thata gore a lesiwe a ye Bethelehema;

29a re: ‘Ke a go rapela, o ntese ke tsamaye; gonne ba losika lwa rona ba na le tlhabelo mo motseng; mogolole o ntaotse gore ke nne gone; jaana, fa ke bonye botsalano mo matlhong a gago, ke a go rapela, o mme ke tsamaye, ke ye go bona bomogolole;’ ke gone ka fa o sa tlang lomating lwa kgosi lwa bojelo ka gone.”

30Foo bogale jwa ga Saule jwa tukela Jonathane, a mo raya a re: “Wena morwa mosadi yo o tshokamo yo o serukhutli, a ga ke a nna ke itse fa o itshenketse morwa Jese go tla a go tlhabisa ditlhong, le go tlhabisa bosaikatega jwa ga mmaago ditlhong?

31Gonne fa morwa Jese a sa ntse a tshela mo lefatsheng, ga go ketla go tlhomamisiwa wena le fa e le bogosi jwa gago. Ke gone roma jaana, o ye go mo nteretse, gonne ruri o tlaa swa.”

32Jonathane a fetola Saule rraagwe a mo raya a re: “O tlaa bo a bolaelwang? O dirileng?”

33Saule a mo konopa ka lerumo la gagwe, a re o a mmolaya; Jonathane a itse fa go laotswe ke rraagwe go bolaya Dafite ka gone moo.

34Jonathane a nanoga fa lomating a le bogale thata, a se ka a ja dijo ka letsatsi la bobedi la kgwedi, gonne a hutsafalela Dafite, ka rraagwe a mo tlhabisitse ditlhong.

35Ga dirala ya re ka moso Jonathane a tswela kwa nageng ka lobaka lo ba lo golaganeletseng le Dafite, a na le mosimanyana.

36A raya mosimane wa gagwe a re: “Siana, o ye go senka metswi e ke e hulang.” Ya re mosimane a siana, a hula motswi, a o mo fetisa.

37E rile mosimane a fitlha felong fa motswi o Jonathane o o hudileng, Jonathane a tlhaeletsa mosimane a re: “A motswi ga o a go pota ka kwa pele?”

38Jonathane a tlhaeletsa mosimane a re: “Tsamaya thata, o itlhaganele, o se ka wa diega.” Mosimane wa ga Jonathane a phutha metswi, a tla kwa go mong wa gagwe.

39Mosimane a bo a sa itse sepe; Jonathane le Dafite ke bone bosi ba ba itseng tiro eo.

40Jonathane a neela mosimane wa gagwe dibolao tsa gagwe a mo raya a re: “Tsamaya, o di ise kwa motseng.”

41E rile mosimane a sena go tsamaya, Dafite a nanoga a tswa felong gongwe ntlheng ya borwa, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a ikoba gararo; mme ba atlana, ba lela mmogo, ga tsamaya Dafite a sita.

42Jonathane a raya Dafite a re: “Tsamaya ka kagiso, ka re ikanne roo babedi mo ineng la ga Jehofa, ra re: ‘Jehofa o tlaa nna gare ga me nao, le gare ga losika lwa me le losika lwa gago ka bosakhutleng.’ ” Mme a nanoga a tsamaya; Jonathane ene a boela motseng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help