II JOHANE 1 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tumediso

1Ke nna mogolwane, ke kwalela mohumagadi wa moitshenkedwi, le bana ba gagwe ba ke ba ratang ruri: mme e seng nna nosi, mme le botlhe ba ba itseng boammaaruri;

2ka ntlha ya jone boammaaruri jo bo nnetseng ruri mo go rona, bo tlaa nnela ruri le rona ka bosakhutleng.

3Ka re, tshegofatso e tlaa nna le rona, le boutlwelobotlhoko, le kagiso, e le tse di tswang mo Modimong Rara, le mo go Jesu Keresete, Morwa Rara, mo boammaaruring le mo loratong.

Lorato le boammaaruri ke tsela tsa Modimo

4Ke itumela thata ka ke fitlhetse bangwe ba bana ba gago ba tsamaya mo boammaruring, fela jaaka re amogetse taolo mo go Rara.

5 Mme jaana ke a go rapela, mohumagadi, e seng jaaka e kete ke go kwalela taolo nngwe e ntšha, fa e se e re ntseng re na nayo le mo tshimologong, ya gore re ratane.

6Lo ke lone lorato, gore re ke re tsamaye ka fa ditaolong tsa one. E ke yone taolo, fela jaaka lo ntse lwa nna lwa utlwa le mo tshimologong, gore lo ke lo tsamaye mo go one.

7Gonne batsietsi ba le bantsi ba tswetse mo lefatsheng, e bong bone ba ba sa ipoleleng fa Jesu Keresete a tsile mo nameng. Motsietsi ke ene yoo, le moganetsa Keresete.

8Lo ipone, gore lo se ka lwa latlhegelwa ke dilo tse re di dirileng, fa e se gore lo tle lo amogele tuelo e e tletseng.

9Le fa e le mang yo o tlolelang pele, a sa nnele ruri mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo; yo o nnelang ruri mo thutong eo, ke ene yo o nang le Rara le Morwawe.

10Fa mongwe a tla mo go lona, a sa tle le thuto e, lo se ka lwa mo tsholela mo ntlong ya lona, le gone lo se ka lwa mo dumedisa;

11gonne yo o mo dumedisang o tlhakanetse nae ditiro tsa gagwe tse di bosula.

Ditumediso tsa bofelo

12E re ka ke na le dilo di le dintsi go di lo kwalela, ke ne ke sa rate go di kwala ka pampiri le enke; ke solofetse gore ke tlaa fitlha koo go lona, le gore re tlaa bua re lebanye, gore boitumelo jwa lona bo tle bo dirale.

13Bana ba ga monnao wa moitshenkedwi, ba a go dumedisa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help