PESALEMA 38 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya moikwatlhai yo o bogisegangPesalema ya ga Dafite, ya go gopodisa.

1Jehofa, a ko o se ka wa

nkgalemela ka bogale jwa gago;

le gone o se ka wa nkwatlhaya

ka bogale jwa gago jo bo tukang.

2Gonne metswi ya gago

e tsepame mo go nna,

seatla sa gago le sone

se nkgateletse mo go botlhoko.

3Ga go na boitekanelo bope mo

nameng ya me

ka ntlha ya kgakalo ya gago;

le gone ga go na go fola gope

mo marapong a me

ka ntlha ya boleo jwa me.

4Gonne ditshiamololo tsa me

di khurumeditse tlhogo ya me,

fela jaaka morwalo o o bokete,

di a nkimela.

5Dikweneso tsa me di a nkga,

di bodile,

ka ntlha ya boeleele jwa me.

6Ke a segega,

ke bile ke hutaganye thata;

ke tlhola ke ntse ke hutsafetse

motshegare otlhe.

7Gonne lotheka lwa me lo tletse

phisego;

ga go na boitekanelo bope

mo nameng ya me.

8Ke a idibala,

ke tapetegile mo go botlhoko;

ke gwetlisitswe ke go tlhoka

go ikhutsa ga pelo ya me.

9Morena, keletso ya me yotlhe

e fa pele ga gago;

le go duma ga me

ga go a go fitlhegela.

10Pelo ya me e a tlolatlola,

thata ya me e a mphelela;

ka ga lesedi la matlho a me,

le lone le ntlogetse.

11Barati ba me le ditsala tsa me

ba emetse sebetso sa me fa thoko;

le ba losika lwa me

ba emetse kgakala.

12Le ba ba tsomang botshelo jwa me,

ba mpeela dirai;

le ba ba batlang go nkutlwisa

botlhoko ba bua dilo tsa bosenyi,

ba akanya ditsietso ka letsatsi lotlhe.

13Mme nna, jaaka motho yo o bosusu,

ga ke utlwe;

ke ntse jaaka motho yo o semumu,

yo o sa tsweng molomo.

14Ee, ke ntse jaaka motho yo o sa

utlweng le yo go se nang dikgalemo

mo molomong wa gagwe.

15Gonne ke solofetse mo go wena,

Jehofa; o tlaa araba,

Morena, Modimo wa me.

16Gonne ke rile:

“Ba ka tla ba itumela ka nna;

ya re lonao lwa me lo relela,

ba inkgodisetsa.”

17Gonne ke a kwetsepela,

le bohutsana jwa me

bo fa pele ga me ka gale.

18Gonne ke tlaa bolela boikepo

jwa me;

ke tlaa hutsafalela boleo jwa me.

19Baba ba me bone, ba tlhaga,

ba thata; le ba ba nkilang

ka go sa siamang ba ntsifetse;

20le ba ba lefelang molemo ka bosula

ke baganetsi ba me, ka gobo

ke latelela selo se se molemo.

21A ko o se ka wa ntlogela, Jehofa;

Modimo,

a ko o se nne kgakala le nna.

22A ko o itlhaganelele go nthusa

Morena, poloka ya me.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help