ESETHERE 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Esethere o laletsa kgosi le Hamane

1Jaana ga dirala ya re ka letsatsi la boraro, Esethere a apara diaparo tsa gagwe tsa segosi, a ya a ema mo lwapeng lo lo kwa teng lwa ntlo ya kgosi, bolebagana le ntlo ya kgosi; mme kgosi ya bo e dutse mo setulong sa yone sa segosi mo ntlong ya segosi, bolebagana le kgoro ya ntlo.

2Ga dirala e rile kgosi e bona Esethere mohumagadi a eme mo lwapeng, Esethere a bona botsalano mo ponong ya yone; mme kgosi ya otlololela Esethere thobane ya gouta ya bogosi e o e tshotseng. Mme Esethere a atamela, a ama ntlha ya thobane ya bogosi.

3Foo kgosi ya mo raya ya re: “O ratang mohumagadi Esethere? Topo ya gago ke eng? O tlaa se newa fela le fa e ka bo e le bontlhanngwe jwa bogosi.”

4Esethere a re: “Fa go le molemo mo kgosing, a kgosi e tle le Hamane gompieno mo modirong o ke o e baakanyeditseng.”

5Foo kgosi ya re: “Itlhaganediseng Hamane, gore go dirwe jaaka Esethere a buile.” Jalo kgosi le Hamane ba tla modirong o Esethere o ne a o baakantse.

6Kgosi ya raya Esethere mo modirong wa bojalwa jwa mofine ya re: “Thapelo ya gago ke eng? O tlaa e newa; topo ya gago ke eng? Le fa e ka bo e le bontlhanngwe jwa bogosi go tlaa dirafadiwa.”

7Foo ga fetola Esethere, a re: “Thapelo le topo ya me ke e:

8Fa ke bonye botsalano mo matlhong a kgosi, fa go kgatlha kgosi go nnaya thapelo ya me, le go dirafatsa topo ya me, a kgosi le Hamane ba tle modirong o ke tlaa o ba baakanyetsang, mme ke tlaa dira ka moso jaaka kgosi e buile.”

Hamane o loga maano a go bolaya Moretekai

9Foo Hamane a tswa ka tsatsi leo a itumetse, a le pelo e e ipelang. Mme ya re Hamane a bona Moretekai mo kgorong ya kgosi, a se ka a ema ka dinao le fa e le go tsikinyega ka ga gagwe, a tlalela Moretekai bogale.

10Le fa go ntse jalo a ithiba, mme a ya gae; a roma a ya go bitsa ditsala tsa gagwe le Sereše mosadi wa gagwe.

11Hamane a ba kakanyetsa kgalalelo ya dikhumo tsa gagwe le bontsi jwa bana ba gagwe, le dilo tsotlhe tse kgosi e mmeileng kwa pele mo go tsone, le jaaka e mmeile kwa pele ga magosana le batlhanka ba kgosi.

12Gape Hamane a re: “Ee, Esethere mohumagadi wa kgosi ga a ka a leseletsa monna ope go tsena le kgosi mo modirong o o ne a o baakantse fa e se nna; le ka moso ke laleditswe ke ene go ya mmogo le kgosi.

13Le fa go ntse jalo golo mo, ga go nthuse sepe fa ke sa ntse ke bona Moretekai wa Mojuta a dutse mo kgorong ya kgosi.”

14Foo ga bua Sereše mosadi wa gagwe le ditsala tsa gagwe tsotlhe nae, ba re: “A go baakanngwe sefata sa polaelo se se bogodimo jwa dimetara di le 22, mme e re ka moso o bue le kgosi gore Moretekai a pegwe mo go sone; foo o tlaa itse go tsena le kgosi mo modirong ka pelo e e ipelang.” Selo seo sa kgatlha Hamane, mme a laola gore sefata sa polaelo seo se baakanngwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help