ESETHERE 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Moretekai o kopa thuso mo go Esethere

1E rile Moretekai a itse gotlhe mo go dirilweng, a ikgagola diaparo, a apara letsela la kgetse le na le melora, a tswela kwa gare ga motse, a jajarega ka jajarego e kgolo, e e botlhoko.

2A tla fela fa pele ga kgoro ya kgosi, gonne go sa kake ga tsena ope mo teng ga kgoro ya kgosi a apere letsela la kgetse.

3Le mo kgaolong nngwe le nngwe ya lefatshe kwa taolo le molao wa kgosi o fitlhileng teng, ga nna khutsafalo e kgolo mo Bajuteng, le go ikitsa go ja, go lela le go kuruetsa; batho ba le bantsi ba rapama fa fatshe mo letseleng la kgetse le melora.

4Barweetsana ba ga Esethere le baopafadiwi ba gagwe ba fitlha, ba mmolelela; mohumagadi a nna pelo e e botlhoko thata; a roma batho ba isa diaparo ba ya go apesa Moretekai le go tlosa letsela la kgetsi mo go ene, mme a se ka a di amogela.

5Foo Esethere a bitsa Hathake, mongwe wa baopafadiwi ba kgosi, yo e ne e mo laoletse go direla mohumagadi, Esethere a mo laola gore a ye kwa go Moretekai, a ye go tlhaloganya go re golo mo ke eng, le go re ke ka ntlha yang.

6Jalo Hathake a tswela kwa go Moretekai kwa patlelong ya motse, e e fa pele ga kgoro ya kgosi.

7Moretekai a mmolela gotlhe mo go mo dirafaletseng, le madi tota a Hamane o ne a itlhomamisitse go re o tlaa a tsenya mo dipolokelong tsa dikhumo tsa kgosi ka ga Bajuta, go ba senya.

8Le gone a mo naya malebela a go kwalwa ga molao o o tlhomilweng mo Shušane go ba senya, gore a ye go a supetsa Esethere, le go a mmolelela; le go mo raya gore a tsene kwa kgosing, a ye go e rapela, le go e lopa ka ga batho ba ga gabo.

9Hathake a fitlha a bolelela Esethere mafoko a ga Moretekai.

10Foo Esethere a bua le Hathake, a mo laetsa kwa go Moretekai, a re:

11“Batlhanka botlhe ba kgosi, le batho ba dikgaolo tsa mafatshe a kgosi, ba itse gore le fa e le mang, monna kgotsa mosadi, yo o tlaa tsenelang kgosi kwa lwapeng lo lo kwa teng, e le yo o sa bidiwang, go na le molao o le mongwe fela ka ga gagwe, ke go re a bolawe, fa e se yo kgosi e tlaa mo ntshetsang thobane ya gouta ya bogosi, gore a tle a tshele; mme go fetile malatsi a le 30 ke ntse ke sa bidiwe, gore ke ye go tsena kwa kgosing.”

12Ba bolelela Moretekai mafoko a ga Esethere.

13Foo Moretekai a ba raya a re ba busetse phetolo kwa go Esethere, go re: “O se ka wa ikgopola go re o tlaa falola fa o le mo ntlong ya kgosi, bogolo go Bajuta botlhe.

14Gonne fa o didimalela ruri mo lobakeng lono, foo Bajuta ba tlaa tsogelwa ke thuso le kgololo e e tswang go sele, mme wena le ba ntlo ya ga rraago lo tlaa swa. Go itse mang boo ga o a tlela motlha o o ntseng jaana mo bogosing.”

15Foo Esethere a ba raya a re ba busetse phetolo kwa go Moretekai go re:

16“Ya o phuthe Bajuta botlhe ba ba mo Shušane lo ntirele go ikitsa go ja, lo bo lo se ka lwa ja le fa e le go nwa ka malatsi a le mararo, bosigo le fa e le motshegare. Le nna le barweetsana ba me re tlaa ikitsa go ja jalo; jalo ke tlaa tsena kwa kgosing, le fa e tlaa bo e se ka fa molaong; mme fa ke swa, a ke swe fela.”

17Mme Moretekai a tsamaya, a ya a dira jaaka tsotlhe tse Esethere o di mo laoletseng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help