ISAIA 62 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Ka ntlha ya Sione

ga nketla ke didimala,

le ka ntlha ya Jerusalema ga nketla

ke itapolosa,

go tsamaya tshiamo ya gagwe e

tswela kwa ntle jaaka phatsimo,

le poloko ya gagwe

jaaka lobone lo lo tukang.

2Merafe e tlaa bona

tshiamo ya gago,

le dikgosi tsotlhe kgalalelo ya gago,

mme o tlaa retwa ka leina le leša

le molomo wa ga Jehofa

o tlaa le go rayang.

3Le gone o tlaa nna

serwalo sa bogosi se sentle

mo seatleng sa ga Jehofa,

le mofapatlhogo wa segosi

mo seatleng sa Modimo wa gago.

4Ga o ketla o tlhola o bidiwa

Molatlhiwa;

le gone lefatshe la gago

ga le ketla le tlhola le bidiwa

Marope;

mme wena o tlaa bidiwa Hefesiba,

le lefatshe la gago le tlaa bidiwa

Beula,

gonne Jehofa o kgatlhega thata

mo go wena,

le lefatshe la gago le tlaa nyalwa.

5Gonne jaaka lekau le tle le nyale

kgarebane,

jalo bomorwao ba tlaa go nyala;

le jaaka monyadi a tle a itumelele

monyadwi,

Modimo wa gago o tlaa itumelela

wena fela jalo.

6Ke tlhomile balebedi mo dithakong

tsa gago wena Jerusalema,

ga ba ketla ba didimala gope

motshegare le bosigo,

lona ba lo leng bagakolodi

ba ga Jehofa.

7Go se ka ga itapolosa lona,

le ene lo se ka lwa mo lesa

a itapolosa,

go tsamaya a tlhomamisa,

le go tsamaya a dira Jerusalema

pako mo lefatsheng pele.

8Jehofa o ikanne

ka seatla sa gagwe se segolo

le ka letsogo la thata ya gagwe, a re:

“Ruri ga nketla ke tlhola ke ntsha

mabele a gago

go nna dijo tsa baba ba gago;

le gone baeng ga ba ketla ba nwa

bojalwa jwa mofine jwa gago,

jo o ineileng letsapa ka ga jone.

9Mme bone ba ba a roretseng

mo disoeng

ba tlaa a ja, ba baka Jehofa;

le ba ba hodileng

ba tlaa bo nwela mo malwapeng

a felo ga me ga boitshepo.”

10Tsenang, tsenang ka dikgoro;

baakanyang tsela ya batho;

tlhatlosang, tlhatlosang

tsela ya mheru; olang maje;

tsholeletsang ditšhaba mokgele.

11 Bonang, Jehofa o boletse le

kwa sekhutlong sa lefatshe, a re:

Rayang morwadia Sione lo re:

“Bona, Poloka ya gago o etla,

bona, tuelo ya gagwe o na nayo,

le maduo a gagwe a fa pele ga

gagwe.”

12Mme ba tlaa ba raya ba re:

Batho ba ba boitshepo,

Barekolodiwi ba ga Jehofa; mme

wena o tlaa bidiwa Mmatlilwi,

Motse o o sa tlogelwang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help