1Solomone a nyalela Faro kgosi ya Egepeto, a tsaya morwadia Faro a mo lere mo motseng wa ga Dafite, ga tsamaya a wetsa go aga ntlo ya gagwe, le ntlo ya ga Jehofa, le lorako lwa Jerusalema mo tikologong.
2Fa e se go re batho ba ne ba tle ba ise ditlhabelo mo mafelong a a tlotlometseng ka go ne go se na ntlo e e agetsweng leina la ga Jehofa pele ga malatsi ao.
3Solomone a rata Jehofa, a sepela mo melaong ya ga Dafite rraagwe; fa e se go re, o ne a isa ditlhabelo a ba a fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng.
4Kgosi ya ya kwa Gibeone go ya go isa ditlhabelo gone, gonne e ne e le gone felo fa go tlotlometseng mo gogolo; Solomone a isa ditshupelo tse di fisiwang di le sekete mo sebesong seo.
5Ya re mo Gibeone Jehofa a iponatsa kwa go Solomone mo torong go le bosigo; Modimo wa re: “Lopa se ke tlaa se go nayang.”
6Solomone a re: “O diretse motlhanka wa gago rre Dafite, ka bopelonomi jo bogolo ka fa o ne a sepela fa pele ga gago ka gone mo boammaaruring, le mo tshiamong, le mo thokgamong ya pelo nao; o mmoloketse bopelonomi jo bogolo jo, jwa go re o mo neile ngwana wa mosimane go dula mo setulong sa gagwe sa bogosi, jaaka go ntse gompieno.
7Jaana Jehofa Modimo wa me, o dirile motlhanka wa gago kgosi mo boemong jwa ga Dafite rre; ke ngwanyana fela; ga ke itse go tswa le go tsena.
8Motlhanka wa gago o mo gare ga tšhaba ya gago e o e itshenketseng, tšhaba e kgolo, e e sa kakeng ya kwalwa le fa e le go balwa ka bontsi.
9Ke gone naya motlhanka wa gago pelo e e tlhaloganyang gore a tle a atlhole tšhaba ya gago, gore ke farologanye molemo le bosula: gonne e mang yo o nonofileng go atlhola tšhaba e ya gago e kgolo e?”
10Puo eo ya kgatlha Jehofa, ka Solomone a lopile selo seo.
11Modimo wa mo raya wa re: “E re ka o lopile selo se, mme wa se ka wa itopela botshelo jo boleele; le gone wa se ka wa itopela khumo, le gone wa se ka wa lopa loso lwa baba ba gago; mme wa itopela tlhaloganyo go farologanya katlholo;
12bona, ke dirile jaaka lefoko la gago; bona, ke go neile pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang; ga go ise go ko go nne ope yo o tshwanang nao pele ga gago, le kwa morago ga gago ga go ketla go tsoga ope yo o tshwanang nao.
13Le gone ke go neile se o se kang wa se lopa, e bong khumo le tlotlo, ga go ketla go dira le ope mo dikgosing yo o tlaa tshwanang nao ka malatsi otlhe a gago.
14Fa o sepela mo ditseleng tsa me, go nna o tshegetsa melao ya me le ditaolo tsa me, jaaka rraago Dafite a ne a sepela, foo ke tlaa lelefatsa malatsi a gago.”
15Solomone a kubuga, mme bonang, e ne e le toro; mme a tla mo Jerusalema, a ya a ema fa pele ga letlole la kgolagano ya ga Jehofa, a isa ditshupelo tse di fisiwang, a isa ditshupelo tsa kagiso, a direla batlhanka botlhe ba gagwe modiro.
Solomone o atlhola kgang e e thata ka botlhale16Foo ga tla basadi ba le babedi, ba e ne e le diaka, ba tla mo kgosing, ba ema fa pele ga yone.
17Mosadi yo mongwe a re: “Morena wa me, nna le mosadi yo, re agile mo ntlong e le nngwe fela; ka belega ngwana ke na nae mo ntlong.
18Ga dirala ya re ka letsatsi la boraro ke sena go belega, mosadi yo le ene a belega; mme re ne re le mmogo; re se na moeng ope mo ntlong, fa e se rona roo babedi fela mo ntlong.
19Mme ngwana wa mosadi yo a swa bosigo; ka mmaagwe a mo letse godimo.
20Ya re bosigogare a tsoga, a tsaya morwaake fa go nna, ka lelata la gago le robetse, a mmaya mo sehubeng sa gagwe, a baya ngwana wa gagwe yo o suleng mo sehubeng sa me.
21Ya re ka moso ke tsoga ke re ke naya ngwanake letsele, bona a bo a sule; mme ya re ke sena go mo sekaseka mo mosong, ya bo e se morwaake yo ke ne ke mmelege.”
22Mme mosadi yo mongwe a re: “Nnyaa, yo o tshedileng ke morwaake, yo o suleng ke morwao.” Mme yoo a re: “Nnyaa, yo o suleng ke morwao, yo o tshedileng ke morwaake.” Ba bua jaana fa pele ga kgosi.
23Foo kgosi ya re: “Yo mongwe a re: ‘Ene morwaake ke yo o tshedileng, morwao ke yo o suleng;’ yo mongwe a re: ‘Nnyaa; yo o suleng ke ene morwao, morwaake ke yo o tshedileng.’ ”
24Kgosi ya re: “Nteretseng tšhaka.” Mme ba lere tšhaka fa pele ga kgosi.
25Mme kgosi ya re: “Kgaoganyang ngwana yo o tshedileng fa gare, lo neye mongwe mofama le yo mongwe mofama.”
26Foo mosadi, yo ngwana yo o tshedileng e leng wa gagwe a bua le kgosi, ka pelo ya gagwe e tlaleletswe morwawe, a re: “Morena wa me, mo neye ngwana yo o tshedileng, o se ka wa ba wa mmolaya.” Mme yo mongwe a re: “Ga a ketla a nna wa me, le fa e le wa gago, mo kgaoganyeng.”
27Foo kgosi ya bua ya re: “Nayang mosadi yole ngwana yo o tshedileng, lo se ka lwa ba lwa mmolaya, ke ene mmaagwe.”
28Baiseraele botlhe ba utlwa ka ga katlholo e kgosi e e atlhotseng, mme ba boifa kgosi, gonne ba bona fa botlhale jwa Modimo bo le mo go yone, jwa go dira katlholo.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.