BAATLHODI 15 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Ga dirala ya re motlha mongwe, go le ka lobaka lwa thobo ya mabele, Samesone a ya go bona mosadi wa gagwe ka potsane; a ithaya a re: “Ke tlaa tsena kwa go mosadi wa me mo ntlwaneng.” Mme rraagwe mosadi a gana go mo letla go tsena.

2Rraagwe mosadi a re: “Ka bo ke rile o mo ileditse ruri; ke gone ke mo neileng monkana wa gago; a monnawe ga a montle bogolo go ene? Ke a go rapela, tsaya ene mo boemong jwa gagwe.”

3Samesone a ba raya a re: “Monomotlha ke tlaa bo ke se na molato ka ga Bafilisitia, fa ke ba direla bosula bongwe.”

4Samesone a ya a tshwara diphokoje di le 300, a tsaya ditime a di gokaganya megatla, a tsenya ditime mo gare ga megatla, ka bobedi le bobedi jwa yone.

5E rile a sena go tshuba ditime a lesa diphokoje tsa ya mo mabeleng a a emeng a Bafilisitia, a fisa mabele a a tlhomilweng dingata le one a a emeng, le one masimo a mafine le matlhware.

6Foo Bafilisitia ba re: “E mang yo o dirileng seo se?” Ba re: “Samesone, mogwaagwe Motimena yoo, ka a mo tloseditse mosadi wa gagwe, a mo neile monkana wa gagwe.” Bafilisitia ba ya ba fisa mosadi le rraagwe ka molelo.

7Samesone a ba raya a re: “Fa lo dira ka mokgwa o o ntseng jaana, ruri ke tlaa lo ipusolosetsa, mme morago ga moo ke tlaa khutla.”

8A ba šašaanya ka polao e kgolo; a fologa a aga mo lofarong lwa lefika la Etame.

Samesone o fenya Bafilisitia

9Foo Bafilisitia ba ya ba thibelela mo Juta, ba ikanamisetsa mo Lehi.

10Banna ba Juta ba re: “Ana lo re tlhaselelang?” Ba re: “Re tsile go golega Samesone, le go mo direla jaaka a re diretse.”

11Foo banna ba Juta ba le 3 000 ba ya kwa lofarong lwa lefika la Etame, ba raya Samesone ba re: “A ga o itse fa Bafilisitia e le bone balaodi ba rona? Selo se o se re diretseng ke eng?” A ba raya a re: “Jaaka ba ntiretse, ke ba diretse jalo.”

12Ba mo raya ba re: “Re tsile go go golega, gore re go tsenye mo seatleng sa Bafilisitia.” Samesone a ba raya a re: “Inkaneleng fa lo se ketla lo nkwela ka losi.”

13Ba bua nae ba re: “Nnyaa; re tlaa go golega thata, re go tsenya mo seatleng sa bone; ruri rona ga re ketla re go bolaya.” Ba mo golega ka megala e meša e le mebedi, ba mo ntsha mo lefikeng.

14E rile a tla mo Lehi, Bafilisitia ba re ba kgatlhana nae ba thela lošalaba; mme mowa wa ga Jehofa wa tla mo go ene ka thata, megala e e mo mabogong a gagwe ya nna jaaka lodi lo lo fisitsweng ke molelo, le dithapo tsa gagwe tsa wa mo mabogong a gagwe.

15A bona lotlhaa lo loša lwa esela, a otlolola letsogo a lo tsaya, a bolaya banna ba le 1 000 ka lone.

16Samesone a re:

“Ka lotlhaa lwa esela, go mekoakoa fela;

ke bolaile banna ba le sekete ka lotlhaa lwa esela.”

17Ga dirala ya re a sena go swetsa go bua, a latlha lotlhaa; mme felo foo ga bidiwa Ramathalehi.

18A bolawa ke lenyora thata, a biletsa kwa go Jehofa a re: “O dirile kgololo e kgolo ka seatla sa motlhanka wa gago; jaana ke tlaa swa ka lenyora, ke tlaa wela mo seatleng sa ba ba sa rupang.”

19Modimo wa fatola khuti e e mo Lehi, mme ga tswa metsi gone. E rile a sena go nwa, mowa wa gagwe wa bowa, a rulwa. Ke gone ka moo leina la gone la bidiwa ga twe, Enehakore, o mo Lehi nako e sa le eno.

20A atlhola Iseraele mo metlheng ya Bafilisitia ka dinyaga di le 20.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help