1Jehofa a bua le Moše a re:
2“Bua le bana ba Iseraele o re: E tlaa re fa motho a ka leofa a sa itse, mo go sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme a dira sengwe sa tsone:
3“E tlaa re fa moperesiti yo o tloditsweng a leofa, a ba a leretse batho molato; foo, a a isetse boleo jwa gagwe jo o bo leofileng kgongwana e tona e e se nang bogole, a e isetse Jehofa, e le tshupelelo ya boleo.
4A a ise kgongwana fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo fa pele ga Jehofa, a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya kgongwana, a tlhabe kgongwana fa pele ga Jehofa.
5Moperesiti yo o tloditsweng a tseye ga madi a kgongwana, a a ise mo mogopeng wa bophuthegelo.
6Moperesiti a ine monwana wa gagwe mo mading, a kgatshe madi gasupa fa pele ga Jehofa, fa pele ga sesiro sa felo ga boitshepo.
7A moperesiti a beye madinyana mo dinakeng tsa sebeso sa maswalo a a nkgang monate, se se mo mogopeng wa bophuthegelo, fa pele ga Jehofa; mme madi otlhe a kgongwana a tshololelwe fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang, se se fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.
8Mafura otlhe a kgongwana ya tshupelelo ya boleo a a tlose mo go yone; lomipi le mafura otlhe a boteng;
9le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsone a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a a di tlose,
10jaaka go tlosiwa mo kgomong ya tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a di fisetse mo sebesong sa tshupelo e e fisiwang.
11Letlalo la kgongwana le nama yotlhe ya yone, le tlhogo ya yone, le ditlhako tsa yone, le diteng tsa yone, le moswang wa yone,
12e bong kgongwana e le mmogo, a a e ise kwa ntle ga bothibelelo kwa felong fa gontle, kwa molora o tle o thelwe gone, a e fise ka molelo e le mo godimo ga dikgong; kwa molora o thelwang gone, e fisediwe teng.
13“Fa phuthego yotlhe ya Iseraele e timela, mme selo se, se fitlhegetse matlho a phuthego, mme ba dirile sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme ba le molato;
14e tlaa re mogang boleo jo ba bo leofileng bo itsiwe, foo phuthego yotlhe e ise kgongwana e tona tshupelelo ya boleo, ba e ise fa pele ga mogope wa bophuthegelo.
15A bagolwane ba phuthego ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya kgongwana, fa pele ga Jehofa, mme a kgongwana e tlhajwe fa pele ga Jehofa.
16Moperesiti yo o tloditsweng a ise ga madi a kgongwana mo mogopeng wa bophuthegelo;
17moperesiti a ine monwana wa gagwe mo mading, mme a a kgatshe gasupa fa pele ga Jehofa, fa pele ga sesiro.
18A a tshase madi mo dinakeng tsa sebeso se se fa pele ga Jehofa, se se mo mogopeng wa bophuthegelo, mme madi a otlhe, a a tshololele fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang, se se fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.
19Mafura otlhe a yone a a a tlose mo go yone, a a fisetse mo sebesong.
20A a dire jalo ka kgongwana, jaaka a dirile ka kgongwana ya tshupelo ya boleo, a a dire jalo ka yone e; moperesiti o tlaa bo a ba direla tetlanyo, mme ba tlaa itshwarelwa.
21Kgongwana a a e ise kwa ntle ga bothibelelo a e fise jaaka a fisitse kgongwana ya ntlha; ke tshupelo ya boleo ya phuthego.
22“Fa molaodi a leofa a sa itse, a dira sengwe sa dilo tse Jehofa Modimo o laotseng gore di se ka tsa dirwa, a a nne molato;
23e re fa a itsisitswe boleo jwa gagwe jo o leofileng ka jone, a a ise podi seromololo, e le e tona e e se nang bogole.
24A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya podi, a e tlhabe mo felong fa ba tleng ba tlhabele tshupelo e e fisiwang teng fa pele ga Jehofa; ke tshupelo ya boleo.
25Moperesiti a tseye madinyana a tshupelelo ya boleo ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, madi a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang.
26Mafura otlhe a yone a a fisetse mo sebesong, jaaka mafura a tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jwa gagwe, mme o tla itshwarelwa.
27 “E tlaa re fa mongwe wa ba ba leng batho fela a leofa a sa itse, ka go dira sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme a le molato;
28fa a itsisitswe boleo jwa gagwe jo o bo leofileng, foo a a ise podi seromololo, e le e namagadi e e se nang bogole, a e isetse boleo jo o bo leofileng.
29A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelo ya boleo, a tlhabele tshupelelo ya boleo mo felong ga tshupelo e e fisiwang.
30Moperesiti a tseye madinyana ka monwana wa gagwe, a a beye mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, madi otlhe a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso.
31Mafura otlhe a yone a a tlose jaaka go tlosiwa mafura a tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a a fisetse mo sebesong, e le monko o o monate mo go Jehofa; mme moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo, mme o tlaa itshwarelwa.
32“Fa a isa kwanyana e le seromololo sa gagwe sa tshupelo ya boleo, a e ise e le e namagadi e e se nang bogole.
33A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelelo ya boleo, a e tlhabe e le tshupelelo ya boleo mo felong fa ba tleng ba tlhabele tshupelo e e fisiwang gone.
34Moperesiti a tseye madinyana a tshupelelo ya boleo ka monwana a a tshase mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, mme madi otlhe a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso.
35Mafura otlhe a yone a a tlose, jaaka go tlosiwa mafura a kwanyana mo tlhabelong ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a a fisetse mo sebesong, mo godimo ga ditshupelo tsa ga Jehofa, tse di dirwang ka molelo; moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jwa gagwe jo o bo leofileng, mme o tlaa itshwarelwa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.