JOBE 23 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1Foo Jobe a fetola a re:

2“Le gompieno

boitoko jwa me bo galakegile;

titeo ya me e boima

bogolo go go dumaduma ga me.

3A bo ke ka bo ke itse

kwa ke ka o fitlhelang teng,

gore ke ke ke ye fela

kwa sennong sa one!

4Ke ne ke tlaa rulaganya mafoko a

me fa pele ga one,

ke tlatsa molomo wa me

ka diphetolano.

5Ke ne ke tlaa itse

mafoko a o tlaa mphetolang ka one,

ke tlhaloganya

se o tlaa se buang le nna.

6A o ne o tlaa ganela le nna

ka bogolo jwa nonofo ya one?

Nnyaa, o ne o tlaa ntlhokomela.

7Foo mothokgami

o ne a tlaa tseisanya kgang nao;

jalo ke ne ke tlaa gololwa

ka bosakhutleng

mo moatlhoding wa me.

8Bona, ke tle ke ye kwa pele,

mme ga o gone;

le kwa morago,

mme ga nkake ka o lemoga;

9le ka fa go la molema,

mogang o dirang tiro,

mme ke retelelwe ke go o bona;

o itshube ka fa ntlheng ya le legolo,

ke be ke retelelwe ke go o bona.

10O itse tsela e ke e tsayang;

e tlaa re o sena go nteka,

ke tswe jaaka gouta.

11Lonao lwa me lo tshwaretse ruri

dikgato tsa one;

ke tseetse ruri tsela ya one

ke sa e fapoge.

12Ga ke a boa

mo ditaolong tsa dipounama tsa one;

ke bolokile mafoko a molomo

wa one bogolo go dijo

tse ke tshelang ka tsone.

13One o na le boitlhomo

bo le bongwe fela,

mme e mang yo o ka o faposang?

Se mowa wa one o se eletsang,

o dira sone fela.

14Gonne o dirafatsa

se ke se laoletsweng;

dilo di le dintsi

tse di ntseng jalo o na natso.

15Ke gone ka moo ke huduiwang

ke sebonalo sa one;

ke re ke akanya, ke be ke o boife.

16Gonne Modimo o idibaditse

pelo ya me,

Mothatayotlhe o mphuduile;

17Ka gobo ke se ka ka kgaolwa

pele ga lefifi, le gone

ga o a ka wa sirela sefatlhogo sa me

lefifi le lentsho.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help