DIANE 6 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Ditlhagiso tse dingwe

1Morwaaka, fa o ineetse go nna moemedi wa motho wa gaeno, fa o opantse diatla tsa gago le moeng,

2o a bo o raetswe ke mafoko a molomo wa gago, o tshwerwe ke mafoko a molomo wa gago.

3Dira jaana, morwaaka, mme o ikgolole, ka e le fa o tsenye mo seatleng sa wa gaeno jaana; ya, o ikokobetse, o kokotlele wa gaeno.

4O se ka wa lesa matlho a gago a robala, le fa e le dintshi tsa matlho a gago go bokalala.

5O bo o ikgolole jaaka tshephe mo seatleng sa motsomi, le jaaka nonyane mo seatleng sa motshwara nonyane.

6Ya kwa tshoswaneng wena mmodufadi; o akanye mekgwa ya yone, mme o tlhalefe;

7e e reng e se na kgosi, le fa e le molebedi, kgotsa molaodi,

8e be e etleetse dijo tsa yone go le selemo, e kokotletse dijo tsa yone mo lobakeng lwa thobo.

9O tlaa rapama ka lobaka lo lo kaye, wena mmodufadi, o tlaa tsoga leng mo go robaleng?

10 Nama o sa robetse go le gonnye, o otsele go le gonnye, o lesololele boroko diatla,

11jalo khumanego ya gago e tlaa tla jaaka senokwane, le lehuma la gago jaaka monna yo o tlhometseng dibolao.

12Motho yo o seruti, motho wa boikepo, o tsamayatsamaya ka molomo o o lesoko.

13O gwetlha ka matlho, a bue ka dinao, a gonetse ka menwana;

14lesoko le mo pelong ya gagwe, o ntse a loga bosula ka metlha yotlhe; o jala kgotlhang mo bathong.

15Ke gone ka moo tatlhego ya gagwe e tlaa tlang ka tshoganetso; o tlaa tshoga ka a thubilwe fela, mme e tlaa bo e le mo go se nang kalafo.

16Go na le dilo di le thataro tse Jehofa o di ilang; ee, di supa tse di mo fedisang pelo, ke tse:

17Matlho a a kadileng, loleme lo lo akang, le diatla tse di tshololang madi a motho a a se nang molato;

18pelo e e logang ditlhatlhanyo tsa boikepo, dinao tse di bofefo go sianela kwa bosenying;

19mosupi wa kako yo o bilolang maaka, le yo o jalang kgotlhang mo baneng ba monna.

Tlhagiso kgatlhanong le boaka

20Morwaaka, tshegetsa taolo ya ga rraago, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmaago.

21Di bofelele mo pelong ya gago ka metlha yotlhe, o di gokelele mo thamong ya gago.

22Motlhang o tsamayang di tlaa go goga; motlhang o robalang di tlaa go tlhodumela, mme motlhang o kubugang di tlaa bua nao.

23Gonne taolo ke lobone; le molao ke lesedi, dikgalemo tsa thuto ke tsela ya botshelo,

24go go dibela mo mosading yo o bosula, le mo go hakeng ga loleme lwa mosadi o sele.

25O se ka wa eletsa bontle jwa gagwe mo pelong ya gago; le gone a se ka a go gapa ka dintshi tsa matlho a gagwe.

26Gonne motho o tle a humanegisiwe ke mosadi wa sepepe, bojotlhe jwa gagwe e ba e nna semathanyana sa bogobe fela; e bile mosadi yo o seaka o tle a tsome botshelo jo bo tlhokegang.

27A motho o ka tsaya molelo mo sehubeng sa gagwe, mme diaparo tsa gagwe di sa še?

28Kgotsa a mongwe o ka tsamaya mo godimo ga magala a a molelo, mme dinao tsa gagwe di sa še?

29Yo o tsenang kwa mosading wa monna wa ga gabo o ntse jalo; le fa e le mang yo o mo amang ga a ketla a lesiwa fela a sa bediwe.

30Batho ga ba nyatse legodu, fa le utswa gore mowa wa lone o kgore, motlhang le bolawang ke tlala.

31Mme fa le tshwerwe, le tlaa lefa gasupa; le tlaa ntsha thoto yotlhe ya ntlo ya lone.

32Yo o dirang boaka le mosadi, ga a na tlhaloganyo: yo o bo dirang o rata go senya mowa wa gagwe tota.

33O tlaa tswa dintho le tlotlologo; mme go kgojwa ga gagwe ga go ketla go phimolwa.

34Gonne lefufa ke bolau jwa monna; mme ga a ketla a rekegela mo motlheng wa pusoloso.

35Ga a ketla a tlhokomela thekololo epe; le gone ga a ketla a diga pelo, le fa o ntsha dineo di le dintsi.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help