JOBE 14 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1“Motho yo o tsetsweng ke

mosadi o malatsi mannye,

o bile o tletse khuduego.

2O tswa jaaka sethunya,

mme a kgaolwe;

le gone o tshaba jaaka moriti,

mme a se ke a tlhola.

3A o budulogela yo o ntseng jalo

matlho,

o ba o nkisa tshekong nao?

4E mang yo o ka ntshang selo se

sentle mo go se se seng sentle?

Ga go na ope.

5E re ka malatsi a gagwe a laotswe,

le palo ya dikgwedi tsa gagwe

e na nao,

o bile o mmeetse melelwane

ya gagwe

e o sa kakeng a e tlola;

6sheboga mo go ene,

gore a tle a ikhutse,

go tsamaya a dirafatse

letsatsi la gagwe

jaaka mothapiwa wa tuelo.

7Gonne mo setlhareng

go na le tsholofelo ya go re

le fa se remilwe

se tlaa ba se tlhoga matswela,

le go re letswela le lenana la sone

ga le ketla le khutla.

8Le fa modi wa sone

o onalela mo lefatsheng,

le thito ya sone e swela mo mmung;

9le fa go ntse jalo,

fa se utlwa monko wa metsi

se tlaa kukunya,

se ntsha dikala

jaaka se se tlhomilweng.

10Mme motho ene o a swa,

a nyelele;

ee, motho a gonoge,

mme o ba a le kae?

11Jaaka metsi a tle a ngangaolege

mo letsheng,

le noka e tle e kgale e omelele;

12motho o itelega jalo,

mme a sa tsoge;

ga ba ketla ba kubuga

le fa e le go tsosiwa

mo go robaleng ga bone

go bo go tsamaye magodimo

a sa tlhole a leyo.

13O a bo o ka ka wa mphitlha

mo Bobipong,

wa ka wa mpoloka ka bosaitsiweng,

go tsamaya bogale jwa gago bo feta,

wa ka wa ntaolela motlha

o o tlhomameng,

mme wa nkgakologelwa.

14Fa monna a swa,

a o tlaa ba a tshela?

Ke ne ke tlaa lebelela

ka malatsi otlhe a ntwa eo ya me,

kgololo ya me e be e tsamaye e tle.

15O ne o ka bitsa,

ke ne ke tlaa go araba;

o ne o tlaa eletsa

tiro ya diatla tsa gago.

16Mme jaanong, ke fa,

o bala dikgato tsa me;

a ga o lebale boleo jwa me?

17Tlolo ya me e kanetswe

mo kgetseng,

mme o hunela boikepo jwa me.

18Ruri thaba e e wang e tle e nyelele,

le lefika le sutisiwe

mo bonnong jwa lone;

19metsi a tle a gotlhe maje;

merwalela ya one

e gopele ruri lorole lwa lefatshe;

le wena o tle o senye tsholofelo

ya motho.

20O mo fenya ka bosakhutleng,

mme a fete;

o fetole sefatlhogo sa gagwe,

mme o mo neye tsela.

21Bomorwawe ba newe tlotlo,

mme ene a se ke a itse;

ba kokobediwe,

mme a se ke a go lemoge

mo go bone.

22Nama ya gagwe mo go ene

e nne botlhoko,

mowa wa gagwe mo teng ga gagwe

o hutsafale.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help