DIANE 29 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Yo o reng a ntse a kgalemelwa mme a ithatafatsa thamo, o tlaa rojwa ka tshoganetso, mme e tlaa bo e le mo go se nang phodiso.

2E re mogang basiami ba totang batho ba itumele, mme mogang moikepi o laolang batho ba fegelwe.

3Motho yo o ratang botlhale o itumedisa rraagwe, mme yo o tsalanang le basadi ba diaka o senya thoto ya gagwe.

4Kgosi e tlhomamisa lefatshe ka tshiamiso, mme yo o tsayang dineo ka patiko o a le ribegetsa.

5Monna yo o hakang wa ga gabo ka puo e e borethe o ngamolela dinao tsa gagwe lotloa.

6Mo tlolong ya motho yo o bosula go na le seru, mme mosiami ene o a opela a itumela.

7Mosiami o tlaa tlhokomela mafoko a bahumanegi, mme moikepi ga a na tlhaloganyo ya go a itse.

8Batho ba ba sotlang ba tle ba tutumise molelo mo motseng, mme batho ba ba botlhale ba thibosa bogale.

9Fa monna yo o botlhale a na le kgang le motho yo o seeleele, le fa a le bogale, le fa a tshega, ga go ketla go nna boikhutso.

10Ba ba nyorelwang madi a batho ba ila yo o itekanetseng, mme ka ga mothokgami ba rata go mmoloya.

11Seeleele se tle se bolele bogale jotlhe jwa sone, mme motho yo o botlhale o a bo kganela a bo didimatse.

12Fa molaodi a reetsa maaka, batlhanka ba gagwe botlhe ke baikepi.

13Mohumanegi le mopatiki ba tle ba kopane; Jehofa o sedifatsa matlho a bone boo babedi.

14Kgosi e e atlholang bahumanegi ka nnete, setulo sa yone sa bogosi se tlaa tlhomama ka bosakhutleng.

15Thupa le kgalemelo di naya motho botlhale, mme ngwana yo o lesiwang fela o tlhabisa mmaagwe ditlhong.

16E a re mogang baikepi ba tota, tlolo e gole, mme basiami ba tlaa leba go wa ga bone.

17Otlhaya morwao, mme o tlaa go naya boikhutso; ee, o tlaa jesa mowa wa gago monate.

18Kwa go se nang ponatshegelo gone, batho ba latlhe boithibo, mme yo o tshegetsang molao o sego.

19Motlhanka o tle a gane go siamisiwa ka puo fela; gonne le fa a tlhaloganya ga a ketla a go tlhokomela.

20A o bona motho yo o bonako mo puong ya gagwe? Go ka solofelwa seeleele bogolo go ene.

21Yo o sa leng a godisa motlhanka wa gagwe mo bonyaneng jwa gagwe ka tlekeetso o tlaa mmona a bile a le morwawe mo bofelong.

22Motho yo o bogale o tsosa kgang, le motho yo o gakalang o tletse ditlolo.

23Boikgodiso jwa motho bo tlaa mo isa tlase, mme yo o mowa o kgobaletseng o tlaa bona tlotlo.

24Yo o tlhakanetseng tiro le legodu o ikila mowa, mme o utlwa ikaniso, mme ga a bolele sepe.

25Poifo ya motho e tle e lere seru, mme yo o ikanyang Jehofa o tlaa bolokega.

26Batho ba le bantsi ba batla botsalano jwa molaodi, mme tshiamiso ya motho e tswa kwa go Jehofa.

27Monna yo o sa siameng ke sefedisapelo mo basiaming, mme yo o siamang mo tseleng ke sefedisapelo mo baikeping.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help