PESALEMA 80 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya pusetso ya Iseraele mo ModimongPesalema ya ga Asafe. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Shošanima Edutha.

1 A ko o beye tsebe,

wena Modisa wa Iseraele;

wena yo o gogang Josefe

jaaka letsomane; wena

yo o dutseng mo ditšherubeng,

betlamela kwa ntle.

2Fa pele ga Eferaime, le Benjamine,

le Manase,

tsosa nonofo ya gago,

mme o tle go re boloka.

3Re buse gape, Modimo o phatsimise

sefatlhogo sa gago,

mme re tlaa bolokwa.

4Jehofa, Modimo wa masomosomo,

o tlaa nna o galefela morapelo wa

batho ba gago ka lobaka lo lo kae?

5O ba jesitse bogobe jwa dikeledi,

o ba nositse dikeledi

mo gogolo thata.

6O re dira kgang mo go bagarona;

mme baba ba rona ba a tshega.

7Baa o re buse gape,

Modimo wa masomosomo;

o bo o phatsimise sefatlhogo

sa gago, mme re tlaa bolokwa.

8O ne wa lere mofine wa tswa

Egepeto,

wa leleka merafe, wa o tlhoma.

9Wa baakanya bonno fa pele ga one,

mme wa melela kwa teng thata,

wa ba wa tlala ka lefatshe.

10Dithaba tsa khurumediwa

ke moriti wa one,

le dikala tsa one tsa nna

jaaka masetara a Modimo.

11Wa ntshetsa dikala tsa one kwa

lewatleng,

le matswela a one kwa Nokeng.

12Ana o rutletseng dikgora tsa one,

jalo botlhe ba ba fetang ka tsela

ba bile ba o hula?

13Kolobe ya sekgwa e a o soboloka,

le diphologolo tsa naga di o hula fela.

14Re a go rapela Modimo wa

masomosomo, baa o bowe;

okomela o le kwa legodimong

o bone, mme o lekole mofine o,

15le thito e seatla sa gago

se segolo se e tlhomileng,

le kala e o e ithatafaleditseng.

16O fisitswe ka molelo, o remilwe;

ba nyelela

ka kgalemo ya sefatlhogo sa gago.

17A seatla sa gago se nne mo

monneng wa letsogo la gago le legolo,

mo go morwa motho

yo o mo ithatafaleditseng.

18Jalo ga re ketla re go hularela;

re rudise,

mme re tlaa bitsa leina la gago.

19Baa o re buse,

Jehofa, Modimo wa masomosomo;

phatsimisa sefatlhogo sa gago,

mme re tlaa bolokwa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help