PESALEMA 26 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya mokopa thuso yo o senang molatoPesalema ya ga Dafite.

1Nkatlhola, Jehofa,

gonne ke ntse ke tsamaya

mo go tlhokeng molato ga me;

ke bile ke ikantse Jehofa,

ke sa kabakanye.

2Nkeleka, Jehofa o mphukutse;

leka diphilo tsa me, le pelo ya me.

3Gonne bopelonomi jwa gago jwa

lorato bo fa pele ga matlho a me;

mme ke ntse ke tsamaya

mo boammaaruring jwa gago.

4Ke ntse ke sa dule

le batho ba boithamako;

le gone ga nketla ke tsenatsena

le baitimokanyi.

5Ke ila phuthego ya badira dibe,

ke gana go dula le baikepi.

6Ke tlaa tlhapa diatla tsa me

mo bophepeng fela;

jalo ke tlaa dikanyeletsa sebeso

sa gago, Jehofa.

7Gore ke tle ke utlwatse

lentswe la tebogo,

ke be ke bolele ka ga ditiro tsotlhe

tsa gago tse di gakgamatsang.

8Jehofa, ke rata boago jwa ntlo ya

gago le felo fa kgalalelo ya gago,

e agileng gone.

9O se ka wa gogobela mowa wa me

le baleofi, le fa e le botshelo jwa me

le batsholodi ba madi;

10ba bosenyi bo mo diatleng tsa bone,

le ba seatla sa bone se segolo

se tletseng dituelo tsa phaposo.

11Ka ga me ke tlaa nna ke tsamaya

mo go tlhokeng molato ga me;

nthekolola, mme o nne

kutlwelobotlhoko mo go nna.

12Lonao lwa me lo eme

fa go papannweng;

ke tlaa baka Jehofa

mo diphuthegong.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help