1Jehofa a bua le Moše a re:
2“Bua le Arone le bomorwawe, le bana botlhe ba Iseraele, o ba reye o re, se ke sone se Jehofa o se laotseng, a re:
3Le fa e le motho ofe wa ntlo ya Iseraele, yo o tlhabelang kgomo, kgotsa kwanyana, kgotsa podi mo bothibelelong, kgotsa yo o e tlhabelang kwa ntle ga bothibelelo,
4mme a se ka a e isa fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo, go e isetsa Morena seromololo fa pele ga motlaagana wa ga Jehofa, motho yoo a a balelwe madi molato; o tsholotse madi; motho yo, o tlaa kgaolwa mo bathong ba ga gabo.
5E le gore bana ba Iseraele ba lere ditlhabelo tse ba di isetsang mo nageng e e lobala fela, le tsone ba di lere mo go Jehofa, kwa kgorong ya mogope wa bophuthegelo, mo moperesiting, mme ba di tlhabele Jehofa, ditlhabelo tsa ditshupelo tsa kagiso.
6A moperesiti a kgatshe madi mo sebesong sa ga Jehofa fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo, a ba a fisa mafura e le monko o o monate mo go Jehofa.
7Ditlhabelo tsa bone ba se ka ba tlhola ba di isetsa badimo dikapodi, ba, ba ba latelang ba ba akafalela. O, e tlaa nna molao mo go bone ka bosakhutleng mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone.
8“O ba reye, o re: Le fa e le motho ofe wa ntlo ya Iseraele, le fa e le wa baeng ba ba jakileng mo go bone, yo o isang tshupelo e e fisiwang, kgotsa setlhabelo,
9a sa se ise kwa mojakong wa mogope wa bophuthegelo, a ya go isetsa Modimo ka sone, motho yoo fela a a kgaolwe mo bathong ba ga gabo.
10 “Le fa e le motho ofe wa ntlo ya Iseraele, kgotsa wa baeng ba ba jakileng mo go bone, yo o jang madi mangwe, ke tlaa mmifela, motho yoo ke mo kgaole mo bathong ba ga gabo.
11 Gonne botshelo jwa nama ke madi; ke a lo neile mo sebesong go direla mewa ya lona tetlanyo, gonne madi ke one a a dirang tetlanyo ka ntlha ya botshelo.
12Ke gone ka moo ke reileng bana ba Iseraele ka re: A go se nne motho ope wa lona yo o jang madi, le gone a go se nne moeng ope a jakile mo go lona yo o jang madi.
13“Le fa e le motho ofe wa bana ba Iseraele, kgotsa wa baeng ba ba jakileng mo go bone, yo o reng a tsoma a bolaya phologolo nngwe, kgotsa nonyane nngwe e e jewang, a a tsholole madi a yone, a a bipe ka lorole.
14Gonne ka ga botshelo jotlhe jwa nama, madi a yone a tshwana fela le botshelo jwa yone; ke gone ka moo ke reileng bana ba Iseraele ka re: Lo se ka lwa ja madi a nama epe, gonne botshelo jwa nama yotlhe ke madi a yone; le fa e le mang yo o a jang o tlaa kgaolwa.
15“Motho mongwe le mongwe yo o jang se se swang fela, kgotsa se se gagotsweng ke dibatana, le fa e ka bo e le motho yo o tsaletsweng mo gae, kgotsa moeng, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape ka metsi, a itshekologe go ya maitseboeng, foo o tlaa bo a itshekile.
16Mme fa a se ka a di tlhatswa, le gone fa a se ka a tlhapa, foo o tlaa rwala tshiamololo ya gagwe.”
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.