GENESISE 22 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo o laela Aberahame go ntsha Isake setlhabelo

1 Ga dirala ya re morago ga dilo tse, Modimo wa leka Aberahame, wa mo raya wa re: “Aberahame!”

A araba a re: “Ke fano.”

2 Wa re: “Tsaya morwao jaana, morwao yo o esi, yo o mo ratang, e bong Isake, o ye kwa lefatsheng la Moria, o mo dire tshupelo ya phiso gone, mo thabeng nngwe e ke tlaa e go bolelelang.”

3Aberahame a phakela ka moso, a belesa esela ya gagwe, a ba a tsaya makau a gagwe a le mabedi, le Isake morwawe; a fatsetsa tshupelo ya phiso dikgong, a nanoga a ya felong kwa Modimo o go mmoleletseng.

4Ya re ka letsatsi la boraro Aberahame a tsholetsa matlho a gagwe, a bona felo foo kwa kgakala.

5Aberahame a raya makau a gagwe a re: “Salang fa le esela. Nna le mosimane re tlaa ya fale; re tlaa obama, re ba re boela kwano go lona.”

6Aberahame a tsaya dikgong tsa tshupelo ya phiso, a di baya mo go Isake morwawe; a tsaya molelo ka seatla sa gagwe, le thipa; ba tsamaya mmogo boo babedi.

7Isake a bua le Aberahame rraagwe a re: “Rra!”

A re: “Ke fano, morwaaka.”

A re: “Bona, molelo ke o, le dikgong; mme kwanyana ya tshupelo ya phiso e kae?”

8Aberahame a re: “Morwaaka, Modimo o tlaa ipatlela kwanyana ya tshupelo ya phiso.” Jalo ba tsamaya mmogo boo babedi.

9 Ba tla ba fitlha felong kwa Modimo o go mmoleletseng. Aberahame a aga sebeso gone, a rulaganya dikgong, a golega Isake morwawe, a mmaya mo sebesong mo godimo ga dikgong.

10Aberahame a ntsha letsogo a tsaya thipa, a re o bolaya morwawe,

11mme moengele wa ga Jehofa a mmitsa a le kwa legodimong a re: “Aberahame, Aberahame!”

A re: “Ke fano.”

12A re: “O se ka wa baya mosimane seatla sa gago, le gone o se ka wa mo dira sepe; ka jaanong ke a itse fa o boifa Modimo, ka e le fa o se ka wa gana ka morwao yo o esi, fa ke mo tsaya.”

13Aberahame a tsholetsa matlho a gagwe a leba, a bona, fa morago ga gagwe ga bo go le phelefu, e tshwerwe ka dinaka mo sekgweng. Aberahame a ya a tsaya phelefu, a e isa tshupelo ya phiso mo boemong jwa ga morwawe.

14Aberahame a raya felo foo leina a re, Monei; jaaka go tle go buiwe le gompieno go twe, “Mo thabeng ya ga Jehofa-o-a-naya”.

15Moengele wa ga Jehofa a bitsa Aberahame lwa bobedi a le kwa legodimong a re:

16 “Ke ikanne ka nna ka nosi, go bua Jehofa, ka o dirile selo se, wa se ka wa gana ka morwao yo o esi,

17 ke tlaa go segofatsa, ke ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa legodimo, le jaaka mošawa o o mo dintshing tsa lewatle. Losika lwa gago lo tlaa rua kgoro ya metse ya baba ba lona.

18 Merafe yotlhe ya lefatshe e tlaa segofala mo losikeng lwa gago, ka o utlwile lentswe la me.”

19Jalo Aberahame a boela kwa makaung a gagwe, ba nanoga ba tsamaya mmogo ba ya Beerešeba. Mme Aberahame a aga mo Beerešeba.

Losika lwa ga Nahore

20Ya re morago ga dilo tse Aberahame a bolelelwa ga twe: “Bonang, Mileka le ene o bonye bana le Nahore, monnao.

21Use, wa ntlha wa gagwe, le Buse monnawe, le Kemuele rra Arame,

22le Kesete, le Haso, le Piletaše, le Jitelafe, le Bethuele.”

23Bethuele a tshola Rebeka. Ba ba ferang mebedi ba, Mileka a ba bona le Nahore, monnaa Aberahame.

24Mogadingwana wa gagwe, yo leina la gagwe go tweng Reuma, le ene a bona Teba, le Gahame, le Tahaše, le Maaka.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help