ISAIA 39 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Hesekia o amogela barongwa ba ba tswang Babilone(2 Dikg 20:12-19)

1E rile ka lobaka loo Merotake-balatane morwa Balatane kgosi ya Babilone, a isa dikwalo le neo ka barongwa kwa go Hesekia, gonne a utlwa fa a kile a lwala mme a fodile.

2Hesekia a ba itumelela, a ba supetsa ntlo ya dilo tsa gagwe tsa botlhokwa, selefera, le gouta le tsa malao le lookwane lwa botlhokwa, le tsotlhe tse di ka fitlhelwang mo dikhumong tsa gagwe; ga se ka ga nna le sepe mo ntlong ya gagwe, le fa e le mo pusong yotlhe ya gagwe, se Hesekia o se kang a se ba bontsha.

3Foo ga tla moperofeti Isaia kwa go Hesekia kgosi, a mo raya a re: “Banna bao ba rileng? Mme ba go tswetse kae?” Hesekia a re: “Ba ntswetse kwa lefatsheng le le kgakala, e bong kwa Babilone.”

4Foo a re: “Ba bonye eng mo ntlong ya gago?” Hesekia a mo fetola a re: “Tsotlhe fela tse di mo ntlong ya me ba di bonye; ga go na sepe mo dikhumong tsa me se ke sa se ba bontshang.”

5Foo Isaia a raya Hesekia a re: “Utlwa lefoko la ga Jehofa wa masomosomo:

6Bona, malatsi a etla, a dilo tsotlhe tse di mo ntlong ya gago, le tse borraeno ba ntseng ba di baya, ba di boloka, go tlaa go fitlha mo letsatsing leno, di tlaa isiwang kwa Babilone ka one; ga go ketla go tlogelwa sepe, go bua Jehofa.

7 Le bomorwao ba ba tlaa tswang mo go wena, ba o ba tsholang, ba tlaa ba tlosa; ba tlaa nna baopafadiwa mo ntlong e kgolo ya kgosi ya Babilone.”

8Foo Hesekia a raya Isaia, a re: “Lefoko la ga Jehofa le o le buileng le molemo.” Gape a re: “Gonne go tlaa nna kagiso le boammaaruri mo malatsing a me.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help