LUKE 20 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go bodiwa ka ga thata ya ga Jesu(Math 21:12-17,23-27; Mar 11:27-33)

1Ga dirala ka letsatsi lengwe la malatsi ao, ka a ruta mo tempeleng, a rera Mafoko a a Molemo, a tshogana ka a kgatlhantshiwa ke ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, ba na le bagolwane;

2ba bua nae ba re: “Re bolelele gore o dira dilo tse ka taolo efe? Kgotsa yo o go neileng taolo e e mang?”

3A ba fetola a re: “Le nna ke tlaa lo botsa potso nngwe; lo e mpolelele:

4Kolobetso ya ga Johane a e ne e tswa kwa legodimong, kgotsa mo bathong?”

5Mme ba gakololana ba re: “E tlaa re fa re re: ‘E ne e tswa kwa legodimong,’ ene o tlaa re: ‘Lo ne lo sa mo dumeleleng?’

6Fa re re: ‘E ne e tswa mo bathong,’ batho botlhe ba tlaa re kgobotletsa ka maje; ka ba dumetse ruri fa Johane e ne e le moperofeti.”

7Mme ba mo fetola ka go re: “Ga re itse kwa e ne e tswa teng.”

8Jesu a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele taolo e ke dirang dilo tse ka yone.”

Setshwantsho sa balemi ba ba bosula(Math 21:33-46; Mar 12:1-12)

9 A simolola go bua le batho ka setshwantsho, ke se, a re: “Monna mongwe a tlhoma tshimo ya mafine, mme a e neela badiri ba masimo, ba e thapa ka tuelo, mme a tloga a ya go nna mo lefatsheng le sele ka lobaka lo loleele.

10Ya re ka lobaka lwa loungo, a roma motlhanka kwa badiring ba tshimo, gore ba mo neye ntlhanngwe ya loungo lwa tshimo ya mafine; mme badira tshimo ba mmetsa, ba mo leleka a iphotlere fela.

11A ba a roma motlhanka yo mongwe; le ene ba mmetsa, ba mo gagautla ka mo go tlhabisang ditlhong, ba mo leleka a iphotlhere fela.

12A fela a roma wa boraro; mme le ene ba mo ntsha dintho, ba mo latlhela kwa ntle.

13Morena wa tshimo ya mafine a re: ‘Ke tla dirang? Ke tlaa roma morwaake yo o rategang; e tlaa re kgotsa ene ba mo sisimoge.’

14Mme ya re badiri ba tshimo ba mmona, ba gakololana ba re: ‘Yo ke ene moruaboswa; ntlhong, re mmolayeng, gore boswa e nne jwa rona.’

15Mme ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya mafine, ba mmolaya. Ke gone, morena wa tshimo ya mafine o tlaa ba dirang?

16O tlaa tla a senya badiri bao ba tshimo; mme tshimo ya mafine o tlaa e neela ba sele.” Ba re ba utlwa jalo ba re: “A go se nne jalo.”

17 A ba leba a re: “Se se kwadilweng e be e le eng fa go twe: ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng, e bile ke lone le le dirilweng la tlhogo ya kgokgotsho?’

18Mongwe le mongwe yo o welang mo lentsweng leo o tlaa thubaganngwa; mme yo le tlaa mo welang le tlaa mo gasagasa jaaka lorole fela.”

Potso ka ga lekgetho(Math 22:15-22; Mar 12:13-17)

19Bakwadi le ditlhogo tsa baperesiti ba senka go mo tsenya diatla ka nako eo fela; mme ba boifa batho; gonne ba lemoga fa a buile setshwantsho se ka ga bone.

20Ba mo lepa, ba ntsha ditlhola tse di itshemang basiami, gore di ye go tshwara mafoko a gagwe, gore ba tle ba mo neele mo thateng le mo taolong ya molaodi wa motse.

21Ba mmotsa ba re: “Moruti, re a itse fa o bua, o ruta ka tshiamo, o sa tlhokomele bomangmang jwa ope, mme o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri;

22a re letleletswe go kgethela Kaesare kgotsa nnyaa?”

23A lemoga bolotsana jwa bone, mme a ba raya a re:

24“Ntshupetsang thušeleng. O na le setshwantsho le sekwalo sa ga mang?” Ba re: “Sa ga Kaesare.”

25A ba raya a re: “Fa e le jalo, ntshetsang Kaesare, dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leng tsa Modimo.”

26Ba retelelwa ke go tshwara lefoko le fa pele ga batho; ba gakgamalela phetolo ya gagwe, mme ba didimala fela.

Potso ka ga go tsoga ga baswi(Math 22:23-33; Mar 12:18-27)

27 Foo ga tla kwa go ene bangwe ba Basadukai, ba ba latolang go tsoga ga baswi; ba mmotsa ba re:

28 “Moruti, Moše o re kwaletse a re, fa morwa rraamotho a swa, a na le mosadi, mme fa a se na ngwana, morwa rraagwe yo mongwe a tseye mosadi wa gagwe, go tsosetsa morwa rraagwe yo o suleng losika.

29Jaana go kile ga ne go le bomorwa motho ba supa; wa ntlha a tsaya mosadi, mme a swa a se na ngwana;

30le wa bobedi a tsaya mosadi yoo,

31le wa boraro a mo tsaya; le boo ba supa, ga nna fela jalo; ba swa fela ba sa tlogele ngwana ope.

32Mme morago mosadi le ene a swa.

33Ke gone, e tlaa re mo go tsogeng ga baswi, e tlaa nna mosadi wa ga mang mo go bone? Gonne ba ne ba mo nyetse botlhe ka bosupa jwa bone.”

34Jesu a ba fetola a re: “Bana ba lefatshe leno ba a nyala, ba neelwa nyalong;

35mme ba ba kaiwang ba tshwanetse go bona lefatshe lele, le go tsoga ga baswi, ga ba nyale, le gone ga ba neelwe nyalong;

36le gone ga ba ka ke ba tlhola ba swa, ka ba tshwana le baengele; mme ke bana ba Modimo, ka e le bana ba go tsoga ga baswi.

37 Moše le ene o supile fa go kwadilweng ka ga setlhare, fa baswi ba tsosiwa, ka a bitsa Morena, Modimo wa ga Aberahame, le Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe.

38Aitse ga se Modimo wa baswi, fa e se wa batshedi fela; gonne botlhe ba tshelela one.”

39Mme bangwe ba bakwadi ba fetola ba re: “Moruti, o buile sentle.”

40Gonne morago ga mo ba tshaba go tlhola ba mmotsa sepe.

Keresete ke morwa mang(Math 22:41-46; Mar 12:35-37)

41Mme a ba raya a re: “Ba bua jang fa ba re: ‘Keresete ke morwa Dafite?’

42 Gonne Dafite ka esi a bua mo lokwalong lwa Dipesalema a re: ‘Morena o reile Morena wa me a re: Dula ka fa letsogong la me le le siameng,

43go tle go tsamaye ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’

44Jalo Dafite o mmitsa Morena, mme o bile o ntse morwawe jang?”

Jesu o tlhagisa ka ga baruti ba molao(Math 23:1-36; Mar 12:38-40)

45A bua le barutwa ba gagwe mo kutlong ya batho botlhe a re:

46“Itiseng mo bakwading, ba ba eletsang go tsamaya ba apere dikobo tse di kgokgothang, ba rata ditumediso mo marekelong, le ditulo tse di kwa pelepele mo matlong a thuto; le manno a a kwa pele mo medirong;

47e le ba ba suputsang matlo a basadi ba batlholagadi, mme ba ipate ka go dira merapelo e melele. Bao ba tlaa bona tshekiso e kgolo e e feteletseng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help