PESALEMA 20 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go bona phenyoPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo.

1A Jehofa a go arabe

mo letsatsing la khuduego;

a leina la Modimo wa ga Jakobe

le go beye kwa godimo;

2a a go isetse thuso

e e tswang felong ga boitshepo,

a be a go kokotletse a le mo Sione;

3a a gakologelwe ditshupelo tsotlhe

tsa gago, a be a amogele

setlhabelo sa gago sa phiso. Sela.

4A a go neye keletso ya pelo ya gago,

mme a dirafatse kgakololo

yotlhe ya gago.

5Re tlaa jela poloka ya gago koma,

re tlaa fokisa mekgele ya rona

mo ineng la Modimo wa rona;

a Jehofa a dirafatse ditopo tsotlhe

tsa gago.

6Jaanong ke a itse fa Jehofa

a boloka motlodiwa wa gagwe;

o tlaa mo fetola

a le kwa legodimong la gagwe

le le boitshepo,

ka thata e e bolokang

ya letsogo la gagwe le legolo.

7Bangwe ba ikanya dikara

tsa tlhabano,

ba bangwe dipitse fela;

mme rona re tlaa nna re umaka

leina la ga Jehofa,

Modimo wa rona.

8Bone ba obame ba ole;

mme rona re tsogile,

re eme re thokgame.

9Jehofa, boloka:

a Kgosi e re arabe

mogang re bitsang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help