PESALEMA 120 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go kopa thuso.Sefela sa Ditlhatlogo.

1E rile ke le mo pitlaganong

ka tlhaeleletsa kwa go

Jehofa, mme a nkaraba.

2Jehofa, golola mowa wa me

mo dipounameng tse di akang,

le mo lolemeng lo lo boferefere.

3Wena loleme lo lo boferefere,

o tlaa newa eng?

Kgotsa o tlaa dirwa eng gape?

4Metswi e e bogale ya ba ba dinatla,

e na le magala a mokala.

5A bo go latlhega nna,

ka ke jakile mo Mešeke,

ka ke agile mo megopeng

ya Ketare.

6Mowa wa me ga o bolo go aga

le ene yo o ilang kagiso.

7Nna ke rata kagiso;

mme fa ke bua,

bone ba rata ntwa fela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help