1 SAMUELE 11 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Saule o fenya Baamone

1Foo Nahaše wa Moamone a bolola, a thibelela go tlhabana le Jabeše-gileate; mme banna botlhe ba Jabeše ba raya Nahaše ba re: “Dira kgolagano le rona, mme re tlaa go direla.”

2Foo Nahaše wa Moamone a ba raya a re: “Ke tlaa dira kgolagano le lona ka mokgwa wa go re: A matlho otlhe a lona a ka fa tsogong le legolo a gonngwe; mme ke tlaa go baya kgobo mo Baiseraeleng botlhe.”

3Bagolwane ba Jabeše ba mo raya ba re: “Re neye lobaka lwa malatsi a supa, gore re rome batho mo ntlheng tsotlhe mo Iseraele; foo e tlaa re fa go se na ope yo o re gololang, re tlaa tswela kwa go wena.”

4Foo borongwa ba tla mo Gibea wa ga Saule, ba bolela mafoko a mo ditsebeng tsa batho; mme batho botlhe ba tsholetsa mantswe a bone ba lela.

5Mme bonang, Saule a tla a setse dikgomo morago a tswa kwa leoteng; Saule a re: “Ana batho ba bolawa eng fa ba lela jaana?” Mme ba mmolelela mafoko a batho ba Jabeše.

6Ya re Saule a utlwa mafoko ao, mowa wa Modimo wa tlaa ka thata mo go ene, le bogale jwa gagwe jwa tuka thata.

7A tshwara dikgomo tsa jokwe mongwe, a di kgabetlela, a di isa mo ntlheng tsotlhe tsa Iseraele ka barongwa, a re: “Le fa e le mang yo o sa bololeng a sala Saule le Samuele morago, dikgomo tsa gagwe di tlaa dirwa fela jalo.” Therego ya ga Jehofa ya wela batho, ba bolola jaaka motho a le mongwe fela.

8A bala batho mo Beseke: bana ba Iseraele ba bo ba le 300 000, banna ba Juta ba le 30 000.

9Ba raya barongwa ba ba tsileng ba re: “Lo reye banna ba Jabeše-gileate jaana lo re: ‘E tlaa re ka moso ka lobaka lwa fa letsatsi le gotela lo tlaa bona kgololo.’ ” Barongwa ba fitlha ba bolelela banna ba Jabeše-gileate; mme ba itumela.

10Ke gone ka moo banna ba Jabeše ba re: “Ka moso re tlaa tswela kwa go lona, lo tlaa re direla ka fa lo bonang go le molemo ka gone.”

11Ka moso ga nna jalo, Saule a aba batho masomo a le mararo; mme ba tsena mo gare ga bothibelelo ka lobaka lwa tiso ya makuku, ba kgemetha Baamone ga ba ga tla ga nna mogote motshegare; ga ba ga dirala go re, ba ba setseng ba faladiwa, mme ga se ka ga tlogelwa bape ba le babedi mmogo.

12Batho ba raya Samuele ba re: “Yo o rileng: ‘A Saule o tlaa re busa, ke mang?’ Lere banna bao gore re ba bolaye.”

13Saule a re: “Ga go na motho ope yo o tlaa bolawang gompieno, gonne gompieno Jehofa o dirile kgololo mo go Iseraele.”

14Foo Samuele a raya batho a re: “Ntlong re yeng Gileate, re šafatse bogosi gone.”

15Mme batho botlhe ba ya Gilegale; ba dira Saule kgosi gone fa pele ga Jehofa mo Gilegale; ba tlhabela gone ditlhabelo tsa ditshupelo tsa kagiso, fa pele ga Jehofa; mme Saule le Baiseraele ba itumela thata gone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help