PESALEMA 34 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Pako ya go gololwa mo patikegongPesalema ya ga Dafite, ya jale ka a iphetola mokgwa fa pele ga Abimeleke, yo o na a mo leleka, mme a tsamaya.

1Ke tlaa baka Jehofa ka metlha

yotlhe;

pako ya gagwe e tlaa nna ka gale

mo molomong wa me.

2Mowa wa me o tlaa ipelafatsa

mo go Jehofa;

ba ba pelonolo ba tlaa go utlwela,

mme ba tlaa itumela.

3A ko lo godiseng Jehofa le nna,

a re goletseng leina la gagwe

mmogo.

4Ka batla Jehofa,

mme a nkaraba, a nkgolola

mo dipoifong tsa me tsotlhe fela.

5Ba ne ba leba kwa go ene,

mme ba sa matlho;

difatlhogo tsa bone ga di ketla

di sosobagana gope.

6Mohumanegi yo, o ne a bitsa,

mme Jehofa a mo utlwa, a mo golola

mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe.

7Moengele wa ga Jehofa o thibelela

mo ntlheng tsotlhe

tsa ba ba mmoifang,

mme o a ba golola.

8 A ko lo lekeng

lo bone fa Jehofa a le molemo;

go sego monna yo o mo ikanyang.

9A ko lo boifeng Jehofa,

lona baitshepi ba gagwe;

gonne ga go na go tlhoka

mo go ba ba mmoifang.

10Ditawana di a tle di tlhoke,

di bolawe ke tlala;

mme ba ba batlang Jehofa bone,

ga ba ketla ba tlhoka sepe

se se molemo.

11Ntlong lo ntheetseng bana ke lona,

ke tlaa lo ruta poifo ya ga Jehofa.

12 Ke ofe motho yo o eletsang botshelo,

a rata bontsi jwa malatsi,

gore a tle a bone molemo?

13O kganele loleme lwa gago mo

bosuleng le dipounama tsa gago

mo go bueng tsietso.

14Tlogela bosula,

mme o dire molemo;

batla kagiso, mme o e latelele.

15Matlho a ga Jehofa a mo go ba ba

mmoifang, le ditsebe tsa gagwe

di kwa go goeng ga bone.

16Sefatlhogo sa ga Jehofa se bifetse

ba ba dirang bosula,

go nyeletsa go gopolwa ga bone

mo lefatsheng.

17Basiami ba ne ba goa,

mme Jehofa a utlwa, a ba golola

mo ditlalelong tsotlhe tsa bone.

18Jehofa o gaufi

le ba ba pelo e phatlogileng,

o boloka ba ba mowa

o o ngomogileng.

19Dipatikego tsa mosiami di dintsi;

mme Jehofa o mo golola

mo go tsone tsotlhe.

20 O boloka marapo otlhe a gagwe;

ga go na lepe la one

le le robegileng.

21Bosula bo tlaa bolaya moikepi;

le ba ba ilang mosiami

ba tlaa sekisiwa.

22Jehofa o rekolola mowa

wa batlhanka ba gagwe;

mo go ba ba mo ikanyang ga go na

bape ba ba tlaa bonwang molato.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help