PESALEMA 77 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgomotsego mo dipakeng tsa matshwenyegoPesalema ya ga Arafe. Ya moopedi yo mogolo; ka fa mokgweng wa ga Jeduthune.

1Ke tlaa goela kwa Modimong

ka lentswe la me;

e bong Modimo,

ka lentswe la me,

mme o tlaa ntshekegela tsebe.

2E rile mo letsatsing la tlalelo ya me

ka batla Morena;

seatla sa me se ne se otlologile

mo bosigong,

mme se se ka sa gonega;

mowa wa me wa gana go gomotsega.

3Ke gakologelwa Modimo,

mme ke tlhobaele; ke itoke,

mme mowa wa me o ribegediwe.

Sela.

4O tshwarisitse matlho a me

go lebela fela;

ke tlaletswe thata,

ke bile ke retelelwa ke go bua.

5Ke akantse dipaka tsa bogologolo,

dinyaga tsa metlha ya bogologolo

tala.

6Ke ikgakolola sefela sa me

mo bosigong;

ke buabue le pelo ya me mme

mowa wa me o putle thata.

7“A Morena o tlaa latlhela ruri?

A ga a ketla a tlhola a rapelesega

gope?

8A boutlwelobotlhoko jwa gagwe

bo etse ruri ka bosakhutleng?

A ke go re

polelo ya tsholofetso ya gagwe

e tlhaelela ruri ka bosaengkae?

9A Modimo o lebetse go nna pelonomi?

A o tswaletse mautlwelobotlhoko

a one

a manamagadi ka bogale?” Sela.

10Mme ke rile:

“Mo ke seemere sa me;

ke tlaa gakologelwa

dinyaga tsa seatla se segolo

sa Mogodimodimo.”

11Ke tlaa nna ke umaka

ditiro tsa ga Jehofa;

gonne ke tlaa gakologelwa

dikgakgamatso tsa bogologolo.

12Le gone ke tlaa akanya

tiro ya gago yotlhe,

ke kanka ka ga tse o di dirang.

13Tsela ya gago Modimo,

e mo felong ga boitshepo,

e mang yo e leng Modimo o mogolo

jaaka wena Modimo?

14Wena o Modimo

o o dirang dikgakgamatso;

o itsisitse ditšhaba thata ya gago.

15O golotse batho ba gago

ka letsogo la gago;

bomorwa Jakobe le Josefe. Sela.

16Metsi a ne a go bona, Modimo;

metsi a ne a go bona, a boifa;

matengteng le one a roroma.

17Maru a na a tsholola metsi;

magodimo a ntsha tumo;

metswi ya gago le yone

ya gasama.

18Kodu ya tumo ya gago ya maru

ya nna mo setsuatsueng;

dikgadima tsa bonesa lefatshe;

lefatshe la roroma la reketla.

19Tsela ya gago

e ne e le mo lewatleng,

le ditselana tsa gago

mo metsing a magolo;

metlhala ya gago e ne e sa itsiwe.

20O ne wa goga batho ba gago

jaaka letsomane,

ka seatla sa ga Moše le Arone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help