JOBE 40 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Gape Jehofa a fetola Jobe a re:

2“Yo o betogang fela

a o tlaa ganela le Mothatayotlhe?

Yo o ganetsanyang le Modimo,

a a go fetole.”

3Foo Jobe a fetola Jehofa a re:

4“Bona, ga ke sepe;

ke tlaa go fetola ke reng?

Ke ipaya seatla mo molomong fela.

5Ke buile gangwe fela,

mme ga nketla ke fetola;

ee, gabedi,

mme ga nketla ke tlhola

ke tswelela.”

6Foo Jehofa a le mo sefefong a fetola

Jobe a re:

7“A ko o ikokwaele lotheka

jaana jaaka monna,

ke tlaa go botsa,

mme o nkakanyetse.

8A o tlaa tsupuetsa le e leng katlholo

ya me?

A o tlaa mpona molato

gore o tle o siamisiwe?

9Kgotsa a o na le letsogo

le le tshwanang jaaka la Modimo?

A o ka duma ka lentswe jaaka one?

10A ko o ikgabise ka tlotlomalo

le bogolwane,

mme o ikapese ka tlotlo le borena.

11Thela mapenologo a bogale jwa

gago, o lebe mongwe le mongwe

yo o ikgodisang o mo kokobetse.

12Leba mongwe le mongwe

yo o ikgodisang,

mme o mo ise kwa tlase;

o gatakele baikepi fa ba emeng gone.

13Ba fitlhe mmogo mo loroleng;

o bofele difatlhogo tsa bone

mo felong fa go fitlhegileng.

14Foo le nna ke tlaa go ipolela,

gore seatla se segolo sa gago

tota se ka go boloka.

15A ko o bone kubu,

e ke e dirileng jaaka le wena

ke go dirile;

e ja bojang jaaka kgomo.

16A ko o bone, thata ya yone

e mo lothekeng lwa yone,

nonofo ya yone

e mo mesifeng ya mpa ya yone.

17E tle e tsokotse mogatla

jaaka setlhare sa mosetara;

mesifa ya dirope tsa yone

e nganaganye.

18Marapo a yone

a ntse jaaka mephakalego

ya kgotlho;

dikgopo tsa yone di tshwana

jaaka mephakalego ya tshipi.

19Ke yone e kgolo mo ditirong

tsa Modimo;

ene yo o e dirileng ke ene esi

yo o ka atametsang tšhaka ya gagwe

kwa go yone.

20Ruri dithaba di e medisetsa dijo;

kwa diphologolo tsotlhe tsa naga

di tshamekelang gone.

21E tle e bothe fa tlase ga koma,

mo boiphitlhelong jwa lotlhaka,

le mo ditsobotleng.

22Koma ya e sira ka moriti wa yone;

madubunoka a molatswana

a e dikanyetse.

23Bona, le fa noka e penologa,

ga e rorome;

e boikanyo fela

le fa Joretane a gogomogela

le kwa molomong wa yone.

24A mongwe o ka e tshwara e lebile,

kgotsa a mongwe o ka phunya nko

ya yone ka serai?”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help