DIANE 31 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tlhagiso go kgosi

1Mafoko a kgosi Lemuele; boitseanape jo mmaagwe o bo mo rutileng.

2Ke eng, morwaaka? Ke eng wena ngwana wa sebopelo sa me? Ke eng, wena ngwana wa maikano a me?

3O se ka wa naya basadi thata ya gago, le metsamao ya gago o se ka wa e naya sone se se senyang dikgosi.

4Ga go a tshwanela dikgosi, Lemuele, ga go a tshwanela dikgosi go nwa bojalwa jwa mofine; ga go a tshwanela dikgosana, go re: “Bojalwa jwa mofine jo bo loileng bo kae?”

5Gonne ba ka tla ba nwa, mme ba lebala molao, ba sokamisa tshiamiso ya bangwe ba ba pitlagantsweng.

6Naya ene yo o gaufi le go swa bojalwa jo bo loileng, le bojalwa jwa mofine o bo neye ene yo o mowa o galakegang;

7a a nwe, mme a lebale khumanego ya gagwe, mme a a se tlhole a gakologelwa matladika a gagwe.

8O tumololele dimumu molomo wa gago, go tlhabanela botlhe ba ba tlogetsweng ba le mo tatlhegong.

9Tumolola molomo, o atlhole ka tshiamo, o atlholele bahumanegi le batlhoki.

Mosadi yo o nonofileng

10E mang yo o ka bonang mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng? Gonne tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya majana a a tlhokegang kgakala.

11Pelo ya monna wa gagwe e mo ikantse, mme ga a ketla a tlhoka papadi.

12O mo direla molemo e seng bosula, ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gagwe.

13O tle a senke bobowa le leloba, mme a dire ka bongwe fela jwa pelo ka diatla.

14O ntse jaaka dikepe tsa moreki wa dilo; dijo tsa gagwe o tle a ye go di tsaya kwa kgakala.

15Le gone o tle a tsoge go sa le bosigo, a neye ba ntlo ya gagwe dijo, le barweetsana ba gagwe tiro ya bone.

16O tle a gopole tshimo, mme a e reke; a tlhome tshimo ya mafine ka papadi ya diatla tsa gagwe.

17O ikokwaela mo lothekeng ka nonofo, a ithatafatse mabogo.

18O lemoga fa tlhwatlhwa ya gagwe e na le papadi; lobone lwa gagwe ga lo time bosigo.

19O tle a beye diatla mo selogong, diatla tsa gagwe di tshware letsogo la sone.

20O tle a huporololele bahumanegi seatla; ee, a otlololele batlhoki mabogo.

21Ga a boifele ba ntlo ya gagwe fa go le kapoko, gonne ba ntlo ya gagwe botlhe ba apere bohibidu jo bo letlhololo.

22O itirela dialo tsa letsela le le dirilweng matsabatsaba; diaparo tsa gagwe ke leloba le le boleta le bohibidu jo bo mokgona.

23Monna wa gagwe o itsiwe mo dikgotleng, fa a dutse mo bagolwaneng ba lefatshe.

24O tle a dire diaparo tsa leloba, mme a di rekise; a neele moreki meitlamo.

25Thata le tlotlego ke diaparo tsa gagwe; mme o tlaa tshega lobaka lo lo tlang.

26O tumolola molomo wa gagwe ka botlhale; mme molao wa bopelonomi o bo o le mo lolemeng lwa gagwe.

27O lebaleba mekgwa ya ba ntlo ya gagwe thata, mme ga a je dijo tsa podufalo.

28Bana ba gagwe ba nanoge, ba mmitse mosegofadiwa; monna wa gagwe le ene a mmake a re:

29“Bana bantsi ba basetsana ba dirile sentle, mme wena o ba gaisitse botlhe fela.”

30Boeletsego ke tsietso le bontle ke boithamako, mme mosadi yo o boifang Jehofa, ene o tlaa bakwa.

31Mo neye papadi ya diatla tsa gagwe, mme a ditiro tsa gagwe di mmake mo dikgotleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help