PESALEMA 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go lopa pabaleloPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; ka Nehilothe.

1Tlhwaela mafoko a me tsebe

Jehofa, o gopole go akanya ga me.

2Reetsa lentswe la go goa ga me,

Kgosi ya me, le Modimo wa me;

gonne ke rapela wena.

3Jehofa, o tlaa utlwa lentswe la me

go sa le ka moso;

e tlaa re go sa le ka moso,

ke tlaa rulaganyetsa morapelo wa me

kwa go wena, mme ke tlaa lebelela.

4Gonne ga o Modimo o o nang

le go kgatlhwa ke boikepo;

bosula ga bo ketla bo tlhola le wena.

5Baitelaganyi ga ba ketla ba ema

mo ponong ya gago;

o ila badiri botlhe ba boikepo.

6O tlaa senya ba ba buang maaka.

Jehofa o fedisiwa pelo fela ke monna

yo o gakaletseng polao,

le wa tsietso.

7Fa e le ka ga me,

ke tlaa tsena mo ntlong ya gago

ka bontsi jwa mapelonomi a gago

a lorato;

le mo poifong ya gago

ke tlaa obama

ke lebile kwa tempeleng

ya gago e e boitshepo.

8Nkgoga Jehofa mo tshiamong

ya gago ka ntlha ya baba ba me;

dira tsela ya gago

gore e bonale sentle

fa pele ga sefatlhogo sa me.

9 Gonne ga go na boikanngo

mo melomong ya bone;

boteng jwa bone ke boikepo ka bosi;

memetso ya bone ke phupu

e e atlhameng;

ba rethefatsa diteme tsa bone.

10Ba kaye molato, Modimo;

a ba we ka dikgakololo

tse e leng tsa bone;

o ba kgoromeletse kwa ntle

ka bontsi jwa ditlolo tsa bone;

gonne ba go tsuololetse.

11A botlhe ba ba go ikanyang

ba itumele,

ba duduetse ka boitumelo

ka gale, ka o ba femetse;

a le bone ba ba ratang leina la gago

ba ipele mo go wena.

12Gone o tlaa segofatsa mosiami:

Jehofa, o tlaa mo dikanyeletsa

ka letlhogonolo

jaaka ka thebe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help