ISAIA 55 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jehofa o solofetsa batho ba gagwe bopelotlhomogi

1 “Heelang! Mongwe le mongwe

yo o nang le lenyora,

tlang metsing a mantsi,

le yo o se nang madi;

tlang lo reke, lo je.

Ee, tlang lo reke bojalwa jwa mofine

le maši,

go sa lopiwe madi, go se na tuelo.

2Ana lo ntsheletsang se e seng dijo

madi?

Le tuelo ya mofufutso wa lona,

lo e ntsheletsang

se se sa yeng le pelo?

Ntheetsang thata,

mme lo je se se molemo,

mme a mowa wa lona

o itumele ka mo go nonneng.

3 Sekegang tsebe ya lona,

lo tle mo go nna; utlwang,

mme mowa wa lona o tlaa tshela;

mme ke tlaa golagana le lona

ka kgolagano e e sa khutleng,

e bong mautlwelobotlhoko

a a tlhomameng a ga Dafite.

4Bona, ke mo ntshitse

gore a nne mosupi mo ditšhabeng,

gore a nne mogogi le molaodi

mo ditšhabeng.

5Bona, o tlaa bitsa morafe

o o sa o itseng,

le morafe o o neng o sa go itse

o tlaa tshologela kwa go wena,

ka ntlha ya ga Jehofa,

Modimo wa gago,

le ka ntlha ya Moitshepi

wa Iseraele,

gonne o go galaleditse.

6“Batlang Jehofa a sa ntse

a ka bonwa;

mmitseng a sa ntse a le gaufi.

7A moikepi a latlhe tsela ya gagwe,

le motho yo o sa siamang kgopolo

tsa gagwe;

a a boele kwa go Jehofa,

mme o tlaa mo utlwela botlhoko;

le kwa Modimong wa rona,

gonne o tlaa itshwarela ka botlalo.

8Gonne megopolo ya me

ga se megopolo ya lona;

le gone mekgwa ya lona

ga se mekgwa ya me, go bua Jehofa.

9Gonne jaaka magodimo a le kwa

godimo bogolo go lefatshe,

jalo mekgwa ya me e kwa godimo

bogolo go mekgwa ya lona,

le megopolo ya me

bogolo go megopolo ya lona.

10 “Gonne jaaka pula e tle e ne,

e tswa legodimong,

le kapoko, mme di sa boele gone,

mme di kolobise lefatshe,

di le tlhogise, di le kukuntse,

mme le neye mojadi peo,

le moji dijo;

11lefoko la me le tlaa nna jalo,

le le tswang mo molomong wa me;

ga le ketla le boela fela mo go nna,

mme le tlaa dirafatsa

se ke se ratang,

le tlaa segofala mo selong

se ke le isitseng kwa go sone.

12“Gonne lo tlaa tswa ka boitumelo

lo tlaa ntshiwa lo gogwa ka kagiso;

dithaba di tlaa ponyega ka kopelo,

le makhubu fa pele ga lona,

le ditlhare tsotlhe tsa naga

di tlaa opa diatla.

13Mo boemong jwa setlhare

se se mitlwa

go tlaa tlhoga morukuru;

le mo boemong jwa mmabi

go tlaa tlhoga setlhare sa bolao;

mme e tlaa bo e le ga Jehofa,

go nna leina le sesupo

se se sa khutleng,

se se se ketlang se kgaolwa.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help