1Nna bagaetsho, ke ne ke sa ka ke ka bua le lona jaaka basemowa, fa e se jaaka basenama fela, le jaaka banyana ba bannye mo go Keresete.
2 Ke lo otlile ka maši, e seng ka dijo tse di loileng; gonne lo ne lo ise lo nonofe; nnyaa, le gompieno ga lo a go nonofela,
3gonne le gompieno lo sa le basenama. Gonne e re ka go na le lefufa le kgang mo go lona, a ga lo basenama, mme lo sepela ka fa mokgweng wa botho?
4 Gonne fa mongwe a re: “Nna ke oo rra Paulo,” le yo mongwe a re: “Nna ke oo rra Apolose,” a ga lo batho fela?
5Foo Apolose e be e le mang? Le Paulo ke mang? Ke badiredi fela ba lo dumetseng ka bone; mongwe le mongwe o ntse jaaka Morena a mo abetse.
6 Nna ka jala, Apolose a nosa; mme Modimo wa ungwisa.
7Jalo yo o jalang e be e se sepe, le fa e le yo o nosang; fa e se Modimo fela o o ungwisang.
8Jaana yo o jalang le yo o nosang, ba bangwe fela, mme mongwe le mongwe o tlaa amogela tuelo ya gagwe ka fa tirong ya gagwe.
9Gonne re badiri mmogo le Modimo; lona lo temo ya Modimo, lo kago ya Modimo.
10Ka thaya motheo jaaka moagi yo o botlhale, ka fa tshegofatsong ya Modimo e ke e neilweng; mme yo mongwe o aga mo go one. Mme a motho mongwe le mongwe a itise ka fa o agang mo go one ka teng.
11Gonne ga go motho ope yo o ka thayang motheo o sele fa e se o o theilweng, o e leng Jesu Keresete.
12Mme fa mongwe le fa e le mang a aga mo motheong o ka gouta, le selefera, le maje a a tlhokegang, le logong, le bojang, le dirite;
13tiro ya mongwe le mongwe e tlaa bonadiwa; gonne letsatsi le tlaa e bolela ka e senolwa ke molelo; molelo ka osi o tlaa leka tiro ya mongwe le mongwe ka fa e ntseng ka teng.
14E tlaa re fa tiro ya mongwe e ema, e o e agileng mo motheong o tlaa amogela tuelo.
15E tlaa re fa tiro ya mongwe e fisiwa, o tlaa senyegelwa, mme ene ka esi o tlaa bolokwa; mme e tlaa bo e le mo go tshwanang jaaka a raletse molelo.
16 A ga lo itse fa lo le tempele ya Modimo, le gone fa Mowa wa Modimo o agile mo go lona?
17Fa motho le fa e le mang a senya tempele ya Modimo, le ene Modimo o tlaa mo senya; gonne tempele ya Modimo e boitshepo, e lo leng yone.
18A go se nne motho ope yo o itsietsang. Fa motho mongwe a ikgopola fa a le botlhale mo go lona mo fatsheng leno, a a tswe seeleele, gore a tlhalefe.
19 Gonne botlhale jwa lefatshe leno ke dinyana mo Modimong. Gonne go kwadilwe ga twe: “Yo o tshwarang batlhalefi mo boferefereng jwa bone;”
20 gape, ga twe: “Morena o itse dikakanyo tsa batlhalefi, fa di le boithamako fela.”
21Ke gone a go se nne ope yo o ikgantshang ka batho. Gonne dilo tsotlhe ke tsa lona,
22le fa e ka bo e le Paulo, kgotsa Apolose, kgotsa Kefase, kgotsa lefatshe, kgotsa botshelo, kgotsa loso, kgotsa dilo tsa gompieno, kgotsa dilo tse di tlang; gotlhe fela ke ga lona.
23Mme lona lo ba ga Keresete, mme Keresete ke wa Modimo.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.