PESALEMA 61 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Boikanyo mo pabalelong ya ModimoPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; mo seletsong se se ditlhale.

1Utlwa go goa ga me, Modimo;

ela morapelo wa me tlhoko.

2Ke tlaa tlhaeleletsa koo go wena

ke le kwa bokhutlong jwa lefatshe,

mogang pelo ya me

e phikanngwang ke bohutsana,

nkgogela kwa lefikeng

le le godimo bogolo go nna.

3Gonne o ntse o le botshabelo

jwa me, kago e e thata

ya phemelo fa go tshajwa mmaba.

4Ke tlaa aga mo motlaaganeng

wa gago ka bosakhutleng;

ke tlaa tshebela mo sekhukhung

sa diphuka tsa gago. Sela.

5Gonne wena Modimo,

o utlwile maikano a me;

o nneile go tlhakanela boswa

le ba ba boifang leina la gago.

6O tlaa lelefatsa botshelo jwa kgosi;

dinyaga tsa yone di tlaa nna jaaka

ekete ke tsa ditshika di le dintsi.

7E tlaa nna fa pele ga Modimo

ka bosakhutleng; a ko o etleetse

bopelonomi jwa lorato,

gore bo e boloke, le boammaaruri.

8Jalo ke tlaa opelela leina la gago

dipako ka bosakhutleng,

gore ke nne ke diratse maikano a me

ka malatsi otlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help