ISAIA 49 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Iseraele ke lesedi mo ditšhabeng tsotlhe

1 Ntheetsang, lona ditlhake;

lo reetse, lona ditšhaba

lo le kgakala;

Jehofa o mpiditse

ke sa le ke tswa sebopelong;

ke sa le ke tswa mo maleng a ga mme

o ntse a umaka leina la me.

2 O dirile molomo wa me

go nna jaaka tšhaka e e bogale;

o mphitlhile mo moriting

wa seatla sa gagwe;

o ntirile motswi o o gotlhegileng,

o mpolokile thata mo mokotlopong

wa gagwe.

3A nthaya a re: “O motlhanka

wa me; o Iseraele,

yo ke tlaa galalediwang mo go wena.”

4Mme nna ka re: “Ke diretse lefela,

ke feditse thata ya me ka bosengsepe

le ka boithamako fela;

le fa go ntse jalo ruri

go siamisiwa ga me go tlaa bo go le

mo go Jehofa, le tuelo ya me

mo Modimong wa me.”

5Jaana, go bua Jehofa,

yo o mpopetseng

go nna motlhanka wa gagwe

ke sa le ke tswa sebopelong,

go tlaa ke busetsa Jakobe

kwa go ene,

le gore Iseraele a

phuthelwe kwa go ene;

(gonne aitse nna, ke tlotlego mo

matlhong a ga Jehofa,

Modimo wa me o diregile thata ya me).

6 Ee, a re: “Ke selo se se motlhofo

bobe fa o ka nna

motlhanka wa me gosi,

go tsosa ditso tsa ga Jakobe,

le go busa ba ba neng ba bolokilwe

ba Iseraele;

le gone ke tlaa go ntsha

gore o nne lesedi la merafe,

gore o tle o nne poloka ya me

kwa sekhutlong sa lefatshe.”

7Go bua jaana Jehofa,

morekolodi wa Iseraele,

le Moitshepi wa gagwe,

o raya ene yo motho o mo nyatsang,

ene yo o fedisang morafe pelo,

le motlhanka wa balaodi,

a re: “Dikgosi di tlaa bona

di ba di nanoga;

dikgosana di tlaa obama;

ka ntlha ya ga Jehofa

yo o boikanngo,

e bong Moitshepi wa Iseraele

yo o go itshenketseng.”

Jerusalema o agiwa seša

8 Go bua jaana Jehofa, a re:

“Ke go arabile mo lobakeng

lo lo lebosegang

le mo letsatsing le e leng la poloko

ke go thusitse;

mme ke tlaa go dibela,

ke go ntsha gore o nne kgolagano

ya batho go rudisa lefatshe,

le go ba jesa maswa a a swafetseng;

9go raya bagolegwi, go re:

‘Tswang;’ go raya ba ba mo lefifing

go re: ‘Iponatseng.’

Ba tlaa fula mo ditseleng,

mme bofulo jwa bone bo tlaa nna

mo dithoteng tse di leforotlho.

10 Ga ba ketla ba bolawa ke tlala,

le fa e le ke lenyora;

le mogote ga o ketla o ba tlhapela

le fa e le letsatsi; gonne ene

yo o ba utlwelang botlhoko

o tlaa ba goga,

le ka fa go e e leng metswedi

ya metsi

o tlaa ba etelela pele.

11“Dithaba tsa me tsotlhe

ke tlaa di dira tsela,

le ditsela tsa me tsa meheru

di tlaa goletsega.

12Bonang, ba, ba tlaa tswa kgakala;

mme bonang ba, ba tlaa tswa

botsheka le kwa bophirimatsatsi;

le ba, ba tlaa tswa lefatsheng la

Sinime.”

13Opelang, lona magodimo;

o ipele wena lefatshe;

ponyegang mo kopelong,

lona dithaba; gonne Jehofa

o gomoditse batho ba gagwe;

mme o tlaa tlhomogela babogisiwa

ba gagwe pelo.

14Sione ene a re: “Jehofa o ntlhadile,

Morena o ntebetse.”

15“A mosadi o ka lebala losea lwa

gagwe lo lo anyang, gore

a tle a se ka a tlhomogela ngwana

wa sebopelo sa gagwe pelo?

Ee, bao ba ka tla ba lebala,

mme wena, le fa go ntse jalo

ga nketla ke go lebala.

16Bona ke go setile ka fa teng

ga diatla tsa me;

dithako tsa gago di ntse

fa pele ga me ka gale le ka gale.

17Bana ba gago ba a akofa;

basenyi ba gago ba ba go

kgakgabaditseng

ba tswa mo go wena.

18Tsholetsa matlho a gago o lebalebe,

o bone; bao, botlhe, ba a phuthega,

ba tla mo go wena.

Jaaka ke tshedile, go bua Jehofa,

o tlaa ikapesa ka bone botlhe

jaaka ka mokgabo,

o ikgoma ka bone

jaaka monyadwi.

19“Gonne, ka ga mafelo a a

kgakgabetseng a gago,

le a a swafetseng,

le lefatshe la gago le le sentsweng,

ruri jaanong,

banni ba tlaa pitlagana bobe,

mme ba ba kileng ba go kometsa

ba tlaa nna kwa kgakala.

20Bana ba tatlhegelo ya gago

ba tlaa nama ba bua mo ditsebeng

tsa gago,

ba re: ‘Ke pitlaganye mo felong fa,

nkatogela, gore ke nne.’

21Foo o tlaa ithaya mo pelong, o re:

‘Ana emang yo o ntsaletseng

bone ba, etswa

ke ne ke latlhegetswe ke bana ba me,

ke le mokojwi, ke le mofaladi,

ke kailakaila fela?

Emang yo o otlileng bone ba?

Bona, ke ne ke tlogetswe ke le nosi;

bone ba, ba ne ba le kae?’ ”

22Go bua jaana Morena Modimo, a re:

“Bonang ke tlaa tsholeletsa merafe

seatla sa me,

ke tlhomela ditšhaba mokgele wa

me, mme ba tlaa tlisa

bomorwao mo difubeng tsa bone,

le bomorwadio ba tlaa sikarwa

mo maruding a bone.

23Dikgosi di tlaa nna borraago

ba ba go otlang,

le bahumagadi ba tsone

bommaago ba ba go otlang;

di tlaa go ikobela di isa

difatlhogo tsa tsone mo mmung,

di latswa lorole lwa dinao tsa gago;

mme o tlaa itse fa ke le Jehofa,

le go re ba ba ntebelelang

ga ba ketla ba tlhajwa

ke ditlhong.”

24A thopo e tlaa tseelwa diganka,

kgotsa ba ba golegilweng ka fa

tshwanong a ba tlaa gololwa?

25Go bua jaana Jehofa, a re:

“Le ba e leng bagolegwi ba diganka

ba tlaa tsewa,

le se se gapilweng ke ba ba

boitshegang se tlaa gololwa;

gonne ke tlaa ganela le ene

yo o ganelang nao,

mme ke tlaa boloka bana ba gago.

26Ba ba go patikang

ke tlaa ba jesa nama ya bone;

ba tlaa tagwa ke madi a bone,

jaaka ka bojalwa jo bo botshe;

mme nama yotlhe e tlaa itse go re

Nna Jehofa ke mmoloki wa gago

le morekolodi wa gago,

Mothata wa ga Jakobe.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help