PESALEMA 65 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go galaletsa mpho ya Modimo ya tlholegoPesalema. Sefela sa ga Dafita. Ya moopedi yo mogolo.

1Modimo,

pako e go lebeletse mo Sione;

ke wena yo ikano

o tlaa e direlwang.

2Wena yo o utlwang thapelo,

nama yotlhe e tlaa tla kwa go wena.

3Maikepo a a mphenya;

ka ga ditlolo tsa rona,

wena o tlaa di tlhapisa o di tolosa.

4Go sego motho yo o mo

itshenkelang, wa mo ikatametsa

gore a age mo malwapeng a gago;

re tlaa kgora molemo

wa ntlo ya gago,

e bong felo ga boitshepo

ga tempele ya gago.

5O tlaa re araba mo tshiamong

ka dilo tse di boitshegang,

Modimo wa poloko ya rona;

yo o leng boikanyo

jwa dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe

le jwa ba ba kwa kgakala

mo lewatleng;

6o o tiisang dithaba ka thata ya one;

ka o itlamile ka nonofo;

7o o didimatsang

go suma ga mawatle,

go suma ga makhubu a one,

le pheretlhego ya ditšhaba.

8Le ba ba agileng

kwa mafatsheng a a kwa ntlentle

ba tle ba tshoge

ka ditshupo tsa gago;

o itumedisa matso a moso

le a maabanyane.

9O a tle o lekole lefatshe,

mme o le nose, o le humise thata;

noka ya Modimo e tletse metsi;

o a re o sena go baakanya lefatshe,

jalo, o tle o ba etleeleletse mabele.

10O a tle o nose malepe a lone thata;

o papane ditemana tsa lone;

o le ngodise ka medupe;

o segofatse go tlhoga ga lone.

11O a tle o rwese ngwaga tlhogo

ka molemo wa gago;

ditsela tsa gago di rothe monono.

12Di rothele mo mafulong a naga;

mme dithotana di tlamiwe

ka boitumelo.

13Mafulo a apesiwe matsomane;

mekgatšha e khurumediwe

ka mabele;

e goe ka boitumelo, e be e opele.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help