PESALEMA 59 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go gololwa mo babengPesalema ya ga Dafite. Mikitame ya fale fa Saule a roma, mme ba lalela ntlo go tla ba mmolaya. Pina ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Alatašahetha.

1Modimo wa me

nkgolola mo babeng ba me;

o mpeye kwa godimo,

ke tswe mo go ba ba ntsogologelang.

2Nkgolola mo badiring ba boikepo,

o bo o mpoloke mo bathong

ba ba ratang go tsholola madi.

3Gonne bona,

ba laletse mowa wa me;

ba ba thatathata ba a mphuthegela,

e seng ka ntlha ya tlolo ya me,

le fa e le ka ntlha ya boleo jwa me,

Jehofa.

4Ba tle ba siane, ba iketleetse

kwa ntle ga molato wa me;

tsogela go nthusa, mme o bone.

5E bong wena, Jehofa,

Modimo wa masomosomo,

Modimo wa Iseraele,

a ko o tsogele

go ya go lekola merafe yotlhe;

o se ka wa utlwela batlodi bape

ba ba ikepang botlhoko. Sela.

6Ba tle ba boe ka maabanyane,

ba kue jaaka ntša,

ba potologe motse.

7Bona, ba tle ba kgobole

ka legano la bone;

ditšhaka di mo dipounameng tsa

bone, ka ba tle ba re:

“Go utlwa mang?”

8Mme wena Jehofa o tlaa ba tshega;

o tlaa sotla ka merafe yotlhe.

9Ao, thata ya me,

ke tlaa lebelela mo go wena;

gonne Modimo ke kago ya me

e e godileng ya phemelo.

10Modimo wa boutlwelobotlhoko jwa

me o tlaa ntlela pele;

Modimo o tlaa mma ke bona keletso

ya me

mo babeng ba me.

11O se ka wa ba bolaya, e tlaa re

gongwe batho ba me ba lebale;

ba falatse ka thata ya gago,

o ba folose, Jehofa thebe ya rona.

12Ka ntlha ya boleo

jwa molomo wa bone,

le mafoko a dipounama tsa bone,

a ba tshwarwe fela

mo bopelompeng jwa bone,

le ka ntlha ya go hutsakanya

le go aka mo ba go buang.

13Ba nyeletse mo bogaleng jo bogolo,

o ba nyeletse gore

ba tle ba se ka ba tlhola ba le gone;

mme a ba itse fa Modimo o laola

mo go Jakobe,

go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe.

Sela.

14Mme a e re ka maabanyane

ba bo ba kue jaaka ntša,

ba potologe motse.

15Ba tlaa kailakaila go batla dijo,

ba tlaa lala ba diegile bosigo jotlhe

fa ba sa bone go kgora.

16Mme nna, ke tlaa opela

ka ga thata ya gago;

ee, mo mosong

ke tlaa dudueletsa godimo

ka ga boutlwelobotlhoko jwa gago,

ka gobo o ntse o le kago ya me

e e godileng ya phemelo,

le botshabelo

mo letsatsing la pitlagano ya me.

17Wena, Thata ya me,

ke tlaa go opelela dipako,

ka gobo Modimo ke kago ya me

e e godileng ya phemelo,

Modimo wa boutlwelobotlhoko jwa me.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help