PESALEMA 98 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo mmusi wa lefatshe lotlhePesalema.

1A ko lo opeleleng Jehofa

sefela se seša; gonne

o dirile dilo tse di gakgamatsang;

seatla sa gagwe se segolo

se mo diretse poloka

le lone letsogo la gagwe

le le boitshepo.

2Jehofa o itsisitse batho

poloka ya gagwe;

tshiamo ya gagwe o e bonaditse

ka tshenolo mo matlhong a merafe.

3O gakologetswe boutlwelobotlhoko

jwa gagwe,

le boikanngo jwa gagwe

ka ga ntlo ya Iseraele;

dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe

di bonye poloka ya Modimo

wa rona.

4Tshelela Jehofa lešoa la boitumelo,

wena lefatshe lotlhe;

ponyegang lo opele ka boitumelo;

ee, opelang dipako.

5Opelelang Jehofa dipako ka harepe;

ka harepe le ka lentswe la kopelo.

6Ka dinaka le ka modumo

wa diphala,

lo tsheleng lešoa la boitumelo

fa pele ga Kgosi Jehofa.

7A lewatle le sume,

le bojotlhe jwa lone;

lefatshe le ba ba agileng mo go lone;

8a merwalela e opaope diatla

tsa yone;

a dithabana di opele mmogo

ka boitumelo;

9fa pele ga Jehofa

gonne o tla go atlhola lefatshe;

o tlaa atlhola lobopo ka tshiamo

le ditšhaba ka tekatekanyo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help