JOBE 34 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Elihu

1Gape Elihu a fetola, a re:

2“Utlwang mafoko a me,

lona matlhale;

lo ntshekegele tsebe,

lona ba lo nang le kitso.

3 Gonne tsebe e leka mafoko,

jaaka magalapa a leka dijo.

4A re itshenkeleng

sone se se siameng;

a re itsisanyeng se se leng molemo.

5Gonne Jobe o rile:

‘Ke tshiamo, mme Modimo

o ntloseditse tshiamelo ya me;

6e fa ke na le tshiamelo,

ke kaiwa gore ke moaki fela;

ntho ya me ga e na kalafi

le fa ke sa leofa.’

7Monna yo o tshwanang le Jobe

ke mang,

yo o nwang tshotlo jaaka metsi,

8yo o tsalanang le badiri ba boikepo,

a sepela le batho ba ba bosula?

9Gonne o rile:

‘Ga go thuse monna sepe

fa a ka inatefisa mo Modimong.’

10Ke gone, ntheetsang,

lona banna ba tlhaloganyo;

a go nne kgakala le Modimo,

fa o ka dira bosula,

le Mothatayotlhe,

fa a ka dira boikepo.

11 Gonne o tlaa lefela motho

ka fa tirong ya gagwe,

o tlaa dira gore

motho mongwe le mongwe

a bone ka fa ditseleng tsa gagwe.

12Ee, ruri,

Modimo ga o ketla o dira

ka mokgwa o o bosula,

le gone Mothatayotlhe

ga a ketla a sokamisa katlholo.

13E mang yo o mo laodisitseng

lefatshe,

kgotsa mang yo o baakantseng

lobopo lotlhe?

14Fa o tlhoma pelo ya one

go itlhokomela go le gosi,

o ne o tlaa iphuthela mowa wa one

le botshelo jwa one fela;

15foo nama yotlhe e tlaa swa mmogo,

mme motho o tlaa ba a boela

mo loroleng.

16Fa jaana o na le tlhaloganyo,

o utlwe se;

o reetse lentswe la mafoko a me.

17Le yo mongwe fela yo o ilang

tshiamo a o tlaa busa?

A o tlaa bona ene molato

yo o tekatekanyo le nonofo?

18A go tshwanetse go rewa kgosi

go twe: ‘O maswe,’ kgotsa

batlotlegi go twe: ‘Lo bosula’?

19Bogolo jang

ga go a tshwanela ga rewa one jalo,

o o sa tlhokomeleng sebele

sa dikgosana, le o o sa gopoleng

bahumi bogolo go bahumanegi,

gonne botlhe

ke tiro ya diatla tsa one.

20Ba swa ka ponyo ya leitlho,

e bong mo gare ga bosigo;

batho ba tle ba reketlisiwe,

mme ba fete, le bathati

ba tlosiwe e seng ka seatla.

21Gonne matlho a one a mo ditseleng

tsa motho, mme

o bona metsamao yotlhe ya gagwe.

22Ga go na lefifi le fa e le moriti wa

loso kwa badiri ba boikepo

ba ka itshubelang gone.

23Gonne Modimo ga o tlhoke

go tlhola o akanya ka ga motho,

fa o mo lere fa pele ga one

mo tshekong.

24O thubaganya ba ba thata

ka mekgwa e e retelang go lemogwa,

o tlhome ba bangwe

mo boemong jwa bone.

25Ke gone ka moo

o tle o tseye ditiro tsa bone tsia,

o ba pitikolole mo bosigong,

ba be ba tle ba senngwe.

26O ba diteye jaaka batho

ba ba bosula mo ponong

e e bonalang ya ba bangwe.

27Ka ba o fapogile go o sala morago,

ba ganne go tlhokomela ditsela dipe

tsa one;

28ba ba ba tla ba fitlhisa selelo

sa bahumanegi kwa go one,

mme o utlwe go goa

ga ba ba patikwang.

29E re fa o iketlisa motho,

ana e mang yo o ka sekisang?

E re fa o itshuba sefatlhogo,

ana e mang yo o ka o bonang?

Le fa go direlwa morafe

kgotsa go direlwa motho,

go tshwana fela.

30Gore go se ka ga busa motho

yo o sa reng Modimo sepe,

le gore go se nne ope

yo o beelang batho seru.

31“Gonne a mongwe o kile a raya

Modimo a re: ‘Ke kgwathile,

ga nketla ke tlhola ke senya.’

32A mongwe o rile:

‘Se ke sa se boneng o se nthute,

fa ke dirile boikepo,

ga nketla ke tlhola ke bo dira’?

33A tefiso ya one

e tlaa nna ka fa go rateng ga gago,

ka e le fa o e gana?

Gonne ke wena yo o nang

le go e itshenkela, e seng nna;

ke gone bua se o se itseng.

34Banna ba tlhaloganyo

ba tlaa nthaya, ee,

monna mongwe le mongwe

yo o botlhale, yo o nkutlwang;

ba tlaa nthaya ba re:

35‘Jobe o bua a se na kitso,

mafoko a gagwe ga a na botlhale.’

36A bo Jobe a ka bo a lekelwa

le go ya kwa bokhutlong,

ka ntlha ya go fetola ga gagwe

jaaka batho ba ba bosula

ba tle ba fetole.

37Gonne o oketsa boleo jwa gagwe

ka tsuololo,

o opanya diatla mo go rona,

o ntsifatsa mafoko a gagwe

a go nyatsa Modimo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help