PESALEMA 93 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo ke Kgosi ya bosakhutleng

1Jehofa o a busa;

o apere borena;

Jehofa o apere, o itlamile ka thata;

lefatshe le lone le nitame,

ga le ka ke la tshikinngwa.

2Setulo sa gago sa bogosi

se sa le se nitama bogologolo;

o ntse o leyo

go tswa kwa bosasimologeng.

3Jehofa, merwalela e tsholeditse,

merwalela e tsholeditse

kgwaso ya yone;

merwalela e tsholetsa

makhubu a yone.

4Jehofa a le kwa godimo o thata

thata,

godimo ga dikgwaso

tsa metsi a le mantsi, e bong

dinteelo tse di thubanyetsegang,

tse di thata thata tsa lewatle.

5Ditshupo tsa gago

di tlhomame thata;

boitshepo bo tshwanetse ntlo ya

gago, Jehofa ka bosakhutleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help