DITIRO 8 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Saule o bogisa phuthego

1Mme Saule a bo a dumelela polao ya gagwe. Ya re ka letsatsi leo fela, phuthego e e mo Jerusalema ya tsogelwa ke pogiso e kgolo, botlhe ba falalela mo mafatsheng a Jutea le Samaria, fa e se baaposetole ba le bosi fela.

2Mme banna bangwe ba badumedi ba fitlha Setefane, mme ba mo direla selelo se segolo.

3 Saule a nna a senya phuthego, a tsena mo matlong otlhe, a swatola banna le basadi, a ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo.

Mafoko a a molemo a bolelwa mo Samaria

4Ya re ka mo ba ba faletseng ba tsamayatsamaya, ba eta ba rera lefoko.

5Filipo a fologela kwa motseng wa Samaria, a ba bolelela Keresete.

6Mme matshutitshuti a batho a ela dilo tse di bolelwang ke Filipo tlhoko ka bongwe fela jwa pelo, ba sena go utlwa le go bona ditshupo tse o di dirang.

7Gonne mewa e e maswe ya tswa mo bathong ba le bantsi ba ba nang nayo, e goa ka mantswe a magolo; le ba bantsi ba ba teteselang le ba ba golafetseng, ba fodisiwa.

8Ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo.

9Ga bo go le monna mongwe go twe Simone, yo e rileng gale a bo a dira boloi mo motseng, a tseanya batho ba Samaria, a ikgantsha, a re ene ke mongwe yo mogolo.

10Botlhe ba mo ela tlhoko, bannye le bagolo, ba re: “Monna yo ke ene nonofo ya Modimo e go tweng Kgolo.”

11Ba mo ela tlhoko ka gobo o sa le a ba tseanya ka ditoo tsa gagwe ka lobaka lo loleele.

12Mme e rile ba dumela Filipo, jaaka a ba rerela Mafoko a a Molemo, ka ga bogosi jwa Modimo, le ka ga leina la ga Jesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi.

13Simone le ene a dumela, mme e rile a sena go kolobediwa, a nna kwa go Filipo. O rile ka a bona ditshupo le dikgakgamatso di dirwa, a tseana thata.

14Jaana e rile baaposetole ba ba kwa Jerusalema ba utlwa fa ba Samaria ba amogetse lefoko la Modimo, ba roma Petere le Johane kwa go bone;

15ba e rileng ba fitlha ba ba rapelela gore ba amogele Mowa o o Boitshepo;

16gonne o ne o ise o wele mo go ope wa bone, ba ne ba kolobeditswe mo ineng la Morena Jesu fela.

17Foo ba ba baya diatla, mme ba amogela Mowa o o Boitshepo.

18Jaana ya re Simone a bona fa Mowa o o Boitshepo o newa ka peo ya diatla tsa baaposetole, a ntsha madi,

19a re: “Le nna lo nneye nonofo e, e tle e re yo ke mmayang diatla, a amogele Mowa o o Boitshepo.”

20Mme Petere a mo raya a re: “A selefera sa gago se nyelele nao, ka gobo o gopotse fa o tlaa bona neo ya Modimo ka madi.

21Ga o na kabelo le fa e le boswa mo tirong e, gonne pelo ya gago ga e a siama fa pele ga Modimo.

22Ke gone, o ikwatlhaele boikepo jo, o rapele Morena, e tle e re kgotsa kgakologelo ya pelo ya gago o e itshwarelwe.

23Gonne ke a bona fa o sa ntse o le mo santlhokweng sa botlhoko, le mo kgoleng ya boikepo.”

24Simone a fetola a re: “Nthapelelang Morena, gore ke se ka ka tlelwa ke sepe sa dilo tse lo di buileng.”

25Ke gone e rileng ba sena go supa le go bolela lefoko la Morena, ba boela Jerusalema, ba rera Mafoko a a Molemo mo metsaneng e le mentsi ya Basamaria.

Filipo le modiredi wa Ethiopia

26Moengele wa Morena a bua le Filipo a re: “Tloga o ye kwa ntlheng ya borwa, kwa tseleng e e tswang Jerusalema e ya Gasa;” foo ke naga fela.

27Mme a tloga a tsamaya. Mme bonang, monna mongwe wa Ethiopia, moopafadiwa, yo o taolo kgolo mo go Kantase mohumagadi kgosi ya Baethiopia, e le yo o laolang mahumo otlhe a gagwe; mme a bo a ne a ile Jerusalema go obamela Modimo teng;

28a bile a boa, a dutse mo kareng ya gagwe, a bala mo go Isaia moperofeti.

29Mme Mowa wa raya Filipo wa re: “Atamela o ye o kopane le kara ele.”

30Filipo a tabogela kwa go ene, a mo utlwa a bala mo go Isaia moperofeti, mme a re: “A o tlhaloganya se o se balang?”

31A re: “Nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkgoge?” A rapela Filipo gore a pagame a nne nae.

32 Jaana fa o ne a bala teng mo lokwalong, ke fa go reng:

“O ne a gogelwa

jaaka nku tlhabong;

le jaaka kwanyana e didimetse fela

fa pele ga mmeodi wa yone,

le ene ga a tswe molomo jalo:

33Tshiamiso ya gagwe

o e tloseditswe

mo go kgobaladiweng ga gagwe.

Losika lwa gagwe

e mang yo o tlaa lo bolelang?

Gonne botshelo jwa gagwe

bo tlosiwa mo lefatsheng.”

34Moopafidiwa a raya Filipo a re: “Tswe, moperofeti o bua mo ka ga mang? A ka ga gagwe, kgotsa ka ga mongwe o sele?”

35Filipo a tswa molomo, a simolola ka lokwalo lo, a mo rerela Jesu.

36Ya re ba sa tswelela pele mo tseleng, ba fitlha fa metsing mangwe; mme moopafadiwa a re: “Bona, metsi ke a; ke kgorelediwa ke eng gore ke se kolobediwe?”

37(Filipo a re: “Fa o dumela ka pelo yotlhe ya gago go ka nna jalo.” A mo fetola a re: “Ke a dumela fa Jesu Keresete e le Morwa Modimo.”)

38Mme a laola gore kara e eme, mme ba fologela mo metsing boo babedi, ene Filipo le moopafadiwa; mme a mo kolobetsa.

39Ya re ba tlhatloga mo metsing, Mowa wa Morena wa tlosa Filipo; mme moopafadiwa a se ka a tlhola a mmona, gonne a tswelela mo tseleng ya gagwe a itumetse.

40Mme Filipo a fitlhelwa kwa Ašetote, ya re a ntse a ralala, a eta a rera Mafoko a a Molemo mo metseng yotlhe, a tsamaya a ya go fitlha kwa Kaesarea.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help