MATHAIO 2 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Ketelo ya ba ba botlhale ba botlhabatsatsi

1Jaana e rile Jesu a tsalelwa mo Bethelehema wa Jutea, mo metlheng ya kgosi Herote, bonang, banna ba ba botlhale ba ba tswang botlhabatsatsi ba fitlha mo Jerusalema ba re:

2“O fa kae yo o tsetsweng, Kgosi ya Bajuta? Gonne re bonye naledi ya gagwe re le kwa botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela.”

3E rile kgosi Herote a utlwa jalo a fuduega, le motse otlhe wa Jerusalema nae.

4Mme a phutha baperesiti ba bagolo botlhe, le bakwaledi ba batho, a ba botsa kwa go tulweng Keresete o tlaa tsalelwa teng.

5Ba mo raya ba re: “Mo Bethelehema wa Jutea; gonne go kwadilwe jalo ke moperofeti a re:

6 ‘Wena Bethelehema, lefatshe la Juta, ga o mmotlana gope mo magosaneng a Juta; gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi, yo o tlaa nnang modisa wa batho ba me Baiseraele.’ ”

7Foo Herote a biletsa banna ba ba botlhale bao kwa thoko, a tlhotlhomisa go tlhaloganya mo go bone lobaka lo naledi e bonetseng ka lone.

8Mme a ba roma kwa Bethelehema a re: “Yang lo tlhotlhomise sentle ka ga ngwanyana yo; e re lo sena go mmona, lo tle go nkitsise, gore le nna ke ye go mo obamela.”

9Bone ya re ba sena go utlwa kgosi ba tsamaya; mme bonang, naledi e ba e bonyeng ba le kwa botlhabatsatsi, ya ba etelela pele, ya tsamaya ya fitlha ya ema e okame golo fa ngwanyana o leng teng.

10Ba re ba bona naledi ba itumela ka boitumelo jo bogolo thata.

11Ba fitlha ba tsena mo ntlong, ba bona ngwanyana a na le Maria mmaagwe; ba wela fa fatshe ba mo obamela; mme ba ntsha mahumo a bone, ba mo ntshetsa dineo: gouta, le malao a lebano le mura.

12Mme e ne ya re ka ba tlhagisitswe ke Modimo ka toro, gore ba se ka ba boela kwa go Herote, ba tsaya tsela e sele ba ya lefatsheng la ga bone.

Go tshabela kwa Egepeto

13Jaana e rile ba sena go tsamaya, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro a re: “Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o bo o nne teng go tle go tsamaye ke go itsise; gonne Herote o tlaa batla ngwanyana go mmolaya.”

14Mme a tloga a tsaya ngwanyana le mmaagwe bosigo, a ya Egepeto;

15 Mme a nna teng, ga tsamaya Herote a swa; gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moperofeti a re: “Ke biditse morwaake a le kwa Egepeto.”

Polao ya maseana

16Foo Herote, o rile a lemoga fa a sotlilwe ke banna ba ba botlhale bao, a gakala thata, mme a roma batho, a bolaya tshimane yotlhe ya Bethelehema, le ya tikologo yotlhe ya teng, go simolola ka ba ba dinyaga pedi le bomonnaa bone, ka fa motlheng o o o tlhotlhomisitseng, a tlhaloganya mo go ba ba botlhale ka one.

17Foo ga dirala se se kileng sa buiwa ke moperofeti Jeremia a re:

18 “Lentswe la utlwala mo Rama,

selelo le khutsafalo e kgolo,

e le Ragele

a lelela bana ba gagwe;

mme a gana go gomodiwa,

ka gobo ba seyo.”

Go boa kwa Egepeto

19E rile Herote a sena go swa, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro, kwa Egepeto, a re:

20“Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o ye lefatsheng la Iseraele; gonne ba ba kileng ba batla go mmolaya ba sule.”

21Mme a tloga a tsaya ngwanyana le mmaagwe, a tla mo lefatsheng la Iseraele.

22E rile a utlwa fa Arekelao a busa mo Jutea, mo boemong jwa ga Herote rraagwe, a boifa go ya teng; mme ya re ka a tlhagisitswe ke Modimo ka toro, a ngongwaelela kwa dintlheng tsa Galilea.

23 A fitlha a aga mo motseng o go tweng Nasaretha; gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke baperofeti, fa a tlaa bidiwa Monasara.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help