1Go tla motlha mongwe wa ga Jehofa, mogang thopo ya gago e tlaa kgaoganngwang mo gare ga gago.
2“Gonne ke tlaa phuthela merafe yotlhe kwa Jerusalema, e tla go tlhabana nao; motse o tlaa gapiwa le matlo a tlaa hukudiwa, basadi ba tlaa betelelwa ka thata; bontlhanngwe jwa motse bo tlaa ya botshwarong, mme masalela a batho ga a ketla a kgaolwa mo motseng.”
3Foo Jehofa o tlaa bolola a ya go tlhabana le merafe eo, jaaka jale a kile a tlhabana mo motlheng wa tlhabano.
4Mo motlheng oo dinao tsa gagwe di tlaa ema mo thabeng ya Matlhware e e lebaganyeng le Jerusalema, ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, mme Thaba ya Matlhware e tlaa fatogana ka bogare bolebana le botlhabatsatsi le bophirimatsatsi, mme go tlaa nna mogogoro o mogolo; bontlhanngwe jwa thaba bo tlaa sutela ntlheng ya botsheka, le bontlhanngwe ntlheng ya borwa.
5Lo tlaa tshaba le mogogoro wa dithaba tsa me; gonne mogogoro wa dithaba o tlaa ditlha kwa Asale; ee, lo tlaa tshaba jaaka lo kile lwa tshaba fa pele ga thoromo ya lefatshe mo metlheng ya ga Usia kgosi ya Juta; mme Jehofa Modimo wa me o tlaa tla, le baitshepi botlhe nao.
6Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re, lesedi ga le ketla le nna ka phatsimo le ka lotobo;
7mme e tlaa nna letsatsi le le lengwe fela le le itsiweng ke Jehofa; e seng motshegare, le e seng bosigo; mme go tlaa dirala, go re, e re ka lotlatlana lwa maitsebowa go tlaa bo go le lesedi.
8 Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re, metsi a a tshedileng a tlaa tswa mo Jerusalema; bontlhanngwe jwa one bo tlaa leba lewatle la botlhabatsatsi, le bontlhanngwe jwa one bo lebe lewatle la bophirimatsatsi; go tlaa nna jalo selemo le mariga.
9Jehofa o tlaa nna kgosi ya lefatshe lotlhe; mo motlheng oo, o tlaa nna mongwe fela, le leina la gagwe lengwe fela.
10Lefatshe le tlaa fetolwa le nna jaaka Araba, go tswa Geba go ya Rimona, go pota Jerusalema ntlheng ya borwa; mme o tlaa tsholediwa, o tlaa aga mo felong ga gagwe, go tswa kgorong ya ga Benjamine, go ya felong ga kgoro ya ntlha, go ya kgorong ya kgokgotsho, le go tswa kagong e e godileng ya ga Hananele go ya dikgatisetsong tsa kgosi.
11 Batho ba tlaa aga mo go one, mme ga go ketla go nna phutso epe; mme Jerusalema o tlaa nna mo polokegong.
12E ke yone petso e Jehofa o tlaa betsang ka yone ditšhaba tsotlhe tse di tlhabanyeng le Jerusalema; nama ya bone e tlaa jega ba sa ntse ba eme ka dinao, matlho a bone a tlaa jega mo kgapeng tsa one, le loleme lwa bone lo tlaa jega mo melomong ya bone.
13Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re, go tlaa nna pheretlho e kgolo, mo go bone, e e tswang kwa go Jehofa; mongwe le mongwe o tlaa tshwara wa ga gabo ka letsogo, mme letsogo la gagwe le tlaa tsogela letsogo la wa ga gabo.
14Le Juta o tlaa tlhabana kwa Jerusalema; mme khumo ya merafe yotlhe mo tikologong e tlaa phuthwa: gouta, selefera, le diaparo ka letlotlo le legolo.
15Mme petso ya pitse e tlaa nna jalo, ya mmoulo, ya kamela, ya esela, le ya ditshedi tsotlhe tse di tlaa bong di le mo mathibelelong ao, e tlaa nna jaaka petso e.
16 Go tlaa dirala go re, mongwe le mongwe yo o setseng wa merafe yotlhe e e neng e tsile go tlhasela Jerusalema, o tlaa ya ka ngwaga le ngwaga go obamela Kgosi, Jehofa wa masomosomo, le go dira modiro wa diobo.
17Go tlaa dirala, go re, le fa e le mang wa ditshika tsa lefatshe yo o sa tlhatlogelang kwa Jerusalema a ya go obamela Kgosi, Jehofa wa masomosomo, ga go ketla go nna pula mo ga bone.
18Fa losika lwa Egepeto lo sa tlhatloge, mme ba sa tle, le mo go bone ga e ketla e na; go tlaa nna sebetso se Jehofa o tlaa betsang ka sone merafe e e sa yeng go dira modiro wa diobo.
19E tlaa nna yone petso ya Egepeto, le petso ya merafe yotlhe e e sa yeng go dira modiro wa diobo.
20Mo motlheng oo go tlaa kwalwa mo dikolokwaneng tsa dipitse go twe: BOITSHEPELO JEHOFA; le dipitsa mo ntlong ya ga Jehofa di tlaa tshwana le megopo e e fa pele ga sebeso.
21Ee, dipitsa tsotlhe tse di mo Jerusalema, le tse di mo Juta, di tlaa nna boitshepelo Jehofa wa masomosomo; mme botlhe ba ba isang setlhabelo ba tlaa tla ba tsaya ga tsone, ba apaya ka tsone; mme mo motlheng oo ga go ketla go tlhola go nna le Mokanana mo ntlong ya ga Jehofa wa masomosomo.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.