ISAIA 41 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo o tlhomamisetsa Iseraele

1Lo nne lo didimale

fa pele ga me, lona ditlhake;

a ditšhaba di šafatse thata ya bone;

a di atamele; foo a di bue;

a re atamalaneng re tle tshekong.

2E mang yo o tswang go tsosa

mongwe kwa botlhabatsatsi,

yo o mmiletsang fa lonaong

lwa gagwe mo tshiamong?

A aba merafe fa pele ga gagwe,

a mo laodisa dikgosi;

a di abela tšhaka ya gagwe

jaaka lorole,

a di abela bora jwa gagwe

jaaka dirite tse di gogolwang.

3O a di konatelela

mme a fete sentle fela,

le ka tsela e o ne a ise

a ke a tsamaye ka yone

ka dinao tsa gagwe.

4E mang yo o go dirileng

a go swetsa,

a bitsa ditshika tsa batho

le go tswa tshimologong?

Ke nna Jehofa,

wa ntlha, e bile ke nna

le wa bofelo, ke nna ene.

5Ditlhake tsa bona, mme tsa boifa;

dikhutlo tsa lefatshe tsa roroma,

tsa atamela, tsa tla.

6Ba ne ba thusanya,

mongwe le mongwe le wa ga gabo;

mongwe le mongwe a raya ngwana

wa ga rraagwe a re:

“O nametsege.”

7Jalo mmetli wa dikgong

a nametsa mothudi wa gouta,

yo o rethefatsang ka notwana,

a nametsa yo o batolang

mo lentswetshiping,

a bua ka ga go tshwaranya

ka selomaganyi, a re:

“Go molemo;”

mme a se kokothela ka dimapo,

gore se se tshikinyege.

8 Mme wena Iseraele,

motlhanka wa me,

Jakobe yo ke go ipatletseng,

losika lwa ga Aberahame

tsala ya me;

9wena yo ke tswang go go tsaya

kwa dikhutlong tsa lefatshe,

ka go bitsa

go tswa dikgokgotsong tsa lone,

ka go raya ka re:

“O motlhanka wa me,

ke go ipatletse, ga ke a go latlha.”

10O se ka wa boifa,

gonne ke nna nao;

o se ka wa kgaoga pelo,

gonne ke Modimo wa gago;

ke tlaa go thatafatsa;

Ee, ke tlaa go thusa;

ee, ke tlaa go tshegetsa

ka seatla se se siameng

sa tshiamo ya me.

11Bona, botlhe ba ba go gakaletseng

ba tlaa tlhajwa ke ditlhong

ba sosobaganngwa;

ba ba lwang nao

ba tlaa nna jaaka bosengsepe,

mme ba tlaa nyelela.

12O tlaa ba batla,

mme ga o ketla o ba bona,

e bong ba ba ganelang nao;

ba ba tlhabanang nao

ba tlaa nna jaaka bosengsepe,

le jaaka selo sa lefela fela.

13Gonne nna, Jehofa

Modimo wa gago,

ke tlaa tshwara seatla sa gago

se se siameng,

ke go raya ke re:

“Se boife; ke tlaa go thusa.”

14O se ka wa boifa,

wena seboko Jakobe,

le lona banna ba Iseraele;

ke tlaa go thusa, go bua Jehofa,

mme Morekolodi wa gago

ke Moitshepi wa Iseraele.

15Bona, ke tlaa go direla sephotho

se seša se se bogale,

se se nang le meno:

o tlaa photha dithaba,

o di gaila, di nna masesane;

makhubu o tlaa a etsa

mmoko fela.

16O tlaa a olosa,

mme phefo e tlaa a kgophola,

le setsuatsue se tlaa a phatlalatsa;

wena o tlaa itumela mo go Jehofa,

o kgana ka Moitshepi wa Iseraele.

17Bahumanegi le batlhoki

ba batla metsi,

mme ga go na ape,

loleme lwa bone

lo phaphaladitswe ke lenyora.

Nna Jehofa ke tlaa ba araba,

nna Modimo wa Iseraele

ga nketla ke ba latlha.

18Ke tlaa phunya dinoka mo

dithoteng tse di leforotlho fela,

le metswedi mo gare ga megogoro;

le naga fela ke tlaa e sema

mogobe wa metsi,

le lefatshe le le omeletseng

metlhodi ya metsi.

19Ke tlaa tlhoma mosetara mo nageng,

le mosetlha, le mosilabele,

le motlhware;

ke tlaa tlhoma mo sekakeng

setlhare sa mofira,

le mopine, le sa mokuperese mmogo;

20gore ba tle ba bone,

ba itse ba akanye,

ba tlhaloganye mmogo

fa seatla sa ga Jehofa

se dirile go mo,

le go re Moitshepi wa Iseraele

o go tlhodile.

Modimo o itebaganya le medimo e e seng yone

21Supang kgang ya lona,

go bua Jehofa;

ntshang mafoko a a thata,

go bua kgosi ya ga Jakobe.

22A ba a ntshe, ba re kakanyetse

se se tlaa dirafalang;

kakanyang dilo tse di kileng tsa nna

tsa pele go re ke dife,

re tle re di akanye,

re be re itse bofelelo jwa tsone;

kgotsa lo re supetse

dilo tse di tlaa tlang.

23Kakanyang dilo

tse di tlaa namang di tla

gore re tle re itse fa lo le medimo.

Ee, dirang molemo

gongwe lo dire bosula,

gore re kobakobane,

re go bone mmogo.

24Bonang, lo ba ba seng sepe,

le tiro ya lona ke ya lefela fela;

o maswe, ene yo o lo itshenkelang.

25Ke tsositse mongwe

a tswa botsheka, mme o tsile;

kwa botlhabatsatsi mongwe

yo o bitsang leina la me;

o tlaa tla mo balaoding

jaaka mo seretseng,

le jaaka mmopi a tle

a gate letsopa.

26E mang yo o se kakantseng

le mo tshimologong

gore re ke re itse?

Kgotsa mo go sa bolong,

gore re ke re re: “O siame”?

Ee, ga go ope yo o kakanyang;

ee, ga go ope yo o supang;

ee, ga go ope yo o utlwang

mafoko a lona.

27Nna pele ke tlaa raya Sione, ke re:

Bona, o ba lebe;

mme ke tlaa naya Jerusalema

mongwe yo o tlisang mafoko

a a molemo.

28Mme e a tle e re fa ke leba

go bo go se monna ope;

le mo go bone tota

ga go na mogakolodi ope,

yo e ka reng fa ke ba botsa

a ba a ka mphetola ka lefoko lepe.

29Bonang, bone botlhe fela

ditiro tsa bone ke boithamako

le bosengsepe fela;

ditshwantsho tsa bone

tse di tshetsweng ke phefo fela

le madubadube fela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help