ISAIA 42 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Motlhanka wa ga Jehofa

1 “Bonang motlhanka wa me,

yo ke mo tshegeditseng;

moitshenkedwi wa me

yo mowa wa me

o natefelwang mo go ene;

ke beile mowa wa me mo go ene;

o tlaa ntshetsa tshiamiso

kwa merafeng.

2Ga a ketla a goa,

le fa e le go tsholetsa lentswe

la gagwe, le fa e le

go le utlwatsa mo mmileng.

3Lotlhaka lo lo phitsegileng

ga a ketla a lo roba,

le lodi lo lo kukelang

ga a ketla a lo tima;

o tlaa ntsha tshiamiso

mo boammaaruring.

4Ga a ketla a tlhaela

le fa e le go lapa pelo

go tsamaye a tlhome tshiamiso

mo lefatsheng pele;

mme ditlhake di tlaa lebelela

molao wa gagwe.”

5 Go bua jaana Modimo, Jehofa,

ene yo o tlhodileng magodimo,

a a phutholola;

yo o ritibaditseng lefatshe

le se se tlhogang mo go lone;

yo o nayang batho ba ba mo go lone

go hema,

le ba ba tsamayang mo go lone

mowa, a re:

6 “Nna Jehofa ke go biditse

mo tshiamong,

ke tlaa tshwara seatla sa gago,

ke go dibela;

ke tlaa go ntsha, gore o nne

kgolagano ya batho,

o bo o nne lesedi la merafe;

7go budulola matlho a a foufetseng;

go ntsha bagolegwi mo moleteng

o o lefifi,

le ba ba dutseng mo lefifing

go ba ntsha mo ntlong ya kgolegelo.

8Ke nna Jehofa;

ke lone leina la me;

le kgalalelo ya me

ga nketla ke e naya o sele,

le fa e le pako ya me

dithswantsho tse di setilweng.

9Bonang, dilo tsa pele di dirafetse,

ke bile ke bolela dilo tse dintšha;

ke di lo bolelela pele

di e se di tswele kwa ntle.”

Kgalaletso ya ga Jehofa

10Opelelang Jehofa sefela se seša,

le pako ya gagwe go tswa

bokhutlong jwa lefatshe;

lona ba lo fologelang mo lewatleng,

le tsotlhe tse di mo go lone;

le ditlhake le banni ba tsone.

11A naga le metse ya teng

e tsholetse mantswe a yone,

metsana e Ketara o nnang

mo go yone;

a banni ba Sela ba opele,

a ba kue ba le godimo ga dithaba.

12A ba neye Jehofa kgalalelo,

ba bolele pako ya gagwe

mo ditlhakeng.

13Jehofa o tlaa bolola

jaaka monna wa seganka;

o tlaa tsosa tlhotlheletso

jaaka monna a ya dira;

o tlaa goelela, ee, o tlaa goa ka thata;

o tlaa dira ka nonofo

mo babeng ba gagwe.

14“Ga ke bolo go nna ke didimetse fela;

ke ntse ke tuuletse fela ke ikganetse;

jaanong ke tlaa goela godimo

jaaka mosadi yo o mo pelegong;

ke tlaa sonela ke kolometsa

go le gongwe fela.

15Ke tlaa kgakgabatsa dithaba

le makhujana,

ke omeletsa merogo yotlhe ya tsone;

dinoka ke tlaa di dira ditlhake

le megobe ke tlaa e kgadisa.

16Ke tlaa tsamaisa difofu

ka tsela e di sa e itseng;

ke tlaa di goga

mo ditselaneng tse di sa di itseng;

lefifi ke tlaa le sedifatsa

fa pele ga bone,

ke lolamisa mafelo a a kgopameng.

Dilo tse ke tlaa di dira,

mme ga nketla ke ba latlha.

17Ba ba ikanyang ditshwantsho

tsa disetwa,

ba raya ditshwantsho

tse di thetsweng ba re:

‘Lo medimo ya rona.’

ba tlaa bosediwa morago,

ba tlhajwa ke ditlhong ruri.”

Batho ba Iseraele ga ba reetse dikgakolo

18“Utlwang lona ba lo bosusu;

lo lebe lona difofu gore lo bone.

19Go sefofu mang

fa e se motlhanka wa me?

Gongwe yo o bosusu e mang

jaaka morongwa wa me

yo ke mo romang?

Go sefofu mang

jaaka yo ke ntseng kagiso nae?

Le sefofu jaaka

motlhanka wa ga Jehofa?

20O bona dilo di le dintsi,

mme ga o di tlhokomele;

ditsebe tsa gagwe di kabologile,

mme ga a utlwe.”

21Ga kgatlha Jehofa,

ka ntlha ya tshiamo ya gagwe,

go godisa molao

le go o dira gore o nne tlotlego.

22Mme eno e,

ke tšhaba e e gapetsweng,

e e thopilweng;

botlhe ba tshwerwe mo didukung,

ba fitlhilwe mo matlong

a dikgolegelo;

ba ntse kgapo fela,

mme go se na ope yo o gololang;

ba ntse thopo fela,

mme go se na ope yo o reng;

“Ba rebolwe.”

23Go mang mo go lona

yo o tlaa beelang golo mo tsebe?

Yo o tlaa reetsang

a utlwela lobaka lo lo tlaa tlang?

24E mang yo o neetseng Jakobe

gore a nne thopo,

a neela Iseraele dinokwane?

A ga se Jehofa?

Ene yo re mo leofetseng,

yo ditsela tsa gagwe

ba ganneng go tsamaya mo go tsone,

le fa e le go utlwa molao wa gagwe.

25Ke gone ka mo o goromeditseng

mo go ene

tšhakgalo ya bogale jwa gagwe,

le bokete jwa tlhabano;

mme jwa mo tshuba mo tikologong;

le fa go ntse jalo o ne a sa itse;

mme jwa mo fisa,

le fa go ntse jalo

ga a ka a go baya mo pelong.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help