DIPALO 19 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go ntlafadiwa ka molora wa kgomo e khunwana

1Jehofa a bua le Moše le Arone, a re:

2“Mo ke gone mo go tlhomilweng ga molao o Jehofa o o laotseng a re: Bua le bana ba Iseraele gore ba go leretse kgomo ya moroba e khunwana e e itekanetseng, e go se nang bogole mo go yone, le e go iseng go bewe jokwe mo go yone.

3Lo e neye Eleasare moperesiti, ene a e ise kwa ntle ga bothibelelo, mme a mongwe a e tlhabe fa pele ga matlho a gagwe.

4Eleasare moperesiti, a tseye ga madi a yone ka monwana, mme madi a yone a a kgatšhetse gasupa kwa ntlheng ya fa pele ga mogope wa bophuthegelo.

5Mongwe a fise kgomo eo ya moroba mo ponong ya gagwe; a fise letlalo la yone le nama ya yone, le madi a yone, le moswang wa yone.

6Moperesiti a tseye logong lwa mosetara, le mosiama, le bohibidu jo bo letlhololo, a di latlhele mo gare ga phiso ya kgomo ya moroba.

7Foo moperesiti a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a itlhapise mmele ka metsi, morago ga mo a tsene mo bothibelelong, mme moperesiti o tlaa bo a itshekologile go ya maitseboeng.

8Le yo o fisang kgomo a tlhatswe diaparo tsa gagwe ka metsi, a a itlhapise mmele ka metsi, mme o tlaa bo a itshekologile go ya maitseboeng.

9 A motho mongwe yo o itshekileng a ole molora wa kgomo ya moroba a o beye kwa ntle ga bothibelelo felong gongwe fa gontle; o bolokelwe phuthego ya bana ba Iseraele go dira metsi a tomololo; ke tshupelelo ya boleo.

10Yo o olang molora wa kgomo ya moroba a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, o tlaa bo a itshekologile go ya maitseboeng; mme mo baneng ba Iseraele, le mo moennyeng yo o jakileng mo go bone, e nne molao ka bosakhutleng.

Molao o o amanang le go ama setoto

11“Yo o amang setoto sa motho a a itshekologe ka malatsi a supa.

12Ene yoo a a iitshepise ka one ka letsatsi la boraro, ka letsatsi la bosupa a nne boitsheko; fa a ne a se ka a iitshekisa ka letsatsi la boraro, foo o tlaa bo a se boitsheko ka letsatsi la bosupa.

13Le fa e le mang yo o amang setoto sa moswi le fa e ka bo e le mang yo o suleng, mme a se ka a iitshekisa, o itshekolola motlaagana wa ga Jehofa; motho yoo, a a kgaolwe mo Iseraele; a nne boitshekologo ka gonne metsi a tomololo a se ka a kgatšhiwa mo go ene; boitshekologo jwa gagwe bo sa ntse bo le mo go ene.

14“O ke one molao fa motho a swela mo mogopeng: Mongwe le mongwe yo o tsenang mo mogopeng, le mongwe le mongwe yo o mo mogopeng, a nne a itshekologile ka malatsi a supa.

15Le sejana sengwe le sengwe se se sa khurumelwang, se se se nang sekhurumelo se bofeletswe mo go sone, se itshekologile.

16Le fa e le mang mo nageng yo o amang mongwe yo o bolailweng ka tšhaka, le fa e le setoto, kgotsa lesapo la motho, kgotsa phupu, a a itshekologe ka malatsi a supa.

17“Ka ga motho yo o itshekologileng a ba mo tseele molora wa molelo wa tshupelelo ya boleo, mme metsi a a elang a thelwe mo go one mo sejaneng.

18A motho yo o itshekileng a tseye mosiama, a o ine mo metsing, a a kgatšhe mo mogopeng, le mo dijaneng tsotlhe, le mo bathong ba ba neng ba le gona, le mo go ene yo o ne a ama lesapo, kgotsa motho yo o bolailweng kgotsa, moswi kgotsa, phupu.

19A motho yo o itshekileng a kgatšhe yo o itshekologileng ka letsatsi la boraro, le ka letsatsi la bosupa; e re ka letsatsi la bosupa a mo itshekise; a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mo metsing, mme maitseboa o tlaa nna boitsheko.

20“Mme motho yo o itshekologileng fa a gana go iitshekisa, mowa oo a o kgaolwe o tswe mo gare ga phuthego, ka a itshekolotse ntlo e e botshepo ya ga Jehofa; metsi a tomololo ga a kgatšhiwa mo go ene, o itshekologile.

21A e nne molao o o sa khutleng mo go bone, yo o kgatšhang ka metsi a tomololo a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, le yo o amang metsi a tomololo o tlaa itshekologa go ya maitseboeng.

22Le fa e le eng se motho yo o itshekologileng o se amang se tlaa itshekologa, le motho yo o se amang o tlaa itshekologa go ya maitseboeng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help