1Morago ga moo ga dirala, go re Dafite a kgemetha Bafilisitia, a ba kokobetsa, a gapa Gathe le metse ya gone mo seatleng sa Bafilisitia.
2A kgemetha Bamoabe, mme Bamoabe ba nna batlhanka ba ga Dafite, mme ba lere dineo.
3Dafite a kgemetha Hatatesere kgosi ya Soba a ya Hamathe a ya go tlhoma bogosi jwa gagwe kwa nokeng ya Euferatese.
4Dafite a mo gapela dikara tsa tlhabano di le 1 000, bapalami ba dipitse ba le 7 000 le batho ba dinao ba le 20 000 mme dipitse tsotlhe tsa dikara Dafite a di kgaola mesifa, a sia tsa dikara di le 100.
5E rile Basiria ba Damaseko ba tla go thusa Hatatesere kgosi ya Soba, Dafite a kgemetha Basiria banna ba le 22 000.
6Foo Dafite a tlhoma ditlhopha tsa masole mo Siria wa Damaseko; mme Basiria ba nna batlhanka ba ga Dafite, mme ba lere dineo. Jehofa a naya Dafite phenyo kwa le kwa o ne a ya gone.
7Dafite a gapa dithebe tsa gouta tse di mo batlhankeng ba ga Hatatesere, a di isa Jerusalema.
8 Mo Tibehathe le mo Kune, metse ya ga Hatatesere, Dafite a tsaya kgotlho e le kgolo thata, e Solomone o tlogileng a dira ka yone lewatle la kgotlho le maotwana le dilwana tsa kgotlho.
9E rile Tou kgosi ya Hamathe a utlwa fa Dafite a kgemethile ntwa yotlhe ya ga Hatatesere kgosi ya Soba,
10a roma Hatorame morwawe kwa go kgosi Dafite, a ya go mo dumedisa, le go mo segofatsa, ka a tlhabanye le Hatatesere mme a mo kgemethile; gonne Hatatesere o ne a ntse a tlhabana le Tou; o ne a tshotse dilwana dingwe le dingwe tsa gouta le tsa selefera le tsa kgotlho.
11Tseo le tsone kgosi Dafite a di tshwaela Jehofa, le selefera le gouta tse o di tsereng mo merafeng yotlhe; mo go Baetome, le mo go Bamoabe, le mo baneng ba Amone, le mo go Bafilisitia, le mo go Baamaleke.
12 Gape Abišai morwa Seruia a kgemetha Baetome ba le 18 000 mo Molapong wa Letswai.
13Mme a baya ditlhopha tsa masole mo Etome; Baetome botlhe ba nna batlhanka ba ga Dafite. Mme Jehofa a naya Dafite phenyo kwa le kwa o ne a ya gone.
14Dafite a busa Baiseraele botlhe; a direla batho botlhe ba gagwe katlholo le tshiamiso.
15Le Joabe morwa Seruia e ne e le molaodi wa ntwa; le Jehošafate morwa Ahilute e le mokwadi wa ditirafalo.
16Le Satoke morwa Ahitube, le Abimeleke morwa Abiathare e le baperesiti; le Shafeše e ne e le mokwaledi;
17le Benaia morwa Jehoiate e e ne e le molaodi wa Bakerethe le Bapelethe; bomorwa Dafite e le bone bagolo tikologong ya kgosi.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.