LEFITIKO 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Maleo a a tshwanetseng go ntshediwa ditshupelo

1“Fa mongwe a leofa ka go re, e rile a le mosupi wa sengwe, a utlwa lentswe la ikaniso, go re, a sengwe o se bonye, kgotsa a o a itse; fa a se ka a se bolela, foo a a belege tshiamololo ya gagwe.

2“Kgotsa fa motho mongwe a ama sengwe se se itshekologileng, le fa e ka bo e le setoto sa phologolo nngwe e e itshekologileng, le fa e le setoto sa dilo tse di ruilweng tse di itshekologileng, le fa e le setoto sa dilo tse di gagabang tse di itshekologileng, mme a sa itse, mme a itshekologa, foo a a nne molato.

3“Gongwe fa a ama boitshekologo jwa motho, le fa boitshekologo jwa gagwe e ka bo e le eng se o ka itshekololwang ka sone, a sa itse, e tlaa re motlhang o itseng, foo a nne molato.

4“Kgotsa fa motho a tshogana ka a ikanne ka molomo wa gagwe, gore o tlaa dira bosula, kgotsa o tlaa dira molemo, le fa e le eng se motho a tshoganang ka a se buile ka ikano, a sa itse; e tlaa re motlhang o go itseng a a nne molato mo go sengwe sa dilo tse.

5“E tlaa re fa a le molato mo go sengwe sa dilo tse, a ipolele se o leofileng mo go sone.

6A a isetse Jehofa tshupelelo ya gagwe ya molato, ka ga boleo jo o bo leofileng, a ise e namagadi ya letsomane, kwanyana le fa e le potsane, e le tshupelelo ya boleo; mme moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jwa gagwe.

7“Fa a tlhaela, a sa kake a ntsha kwanyana, foo a a lere tshupelelo ya gagwe ya molato wa se o leofileng mo go sone, e le maphoi a le mabedi, kgotsa maebana a le mabedi, mo go Jehofa; lengwe e le tshupelelo ya boleo, le lengwe e le tshupelo e e fisiwang.

8A a di ise kwa moperesiting, ene o tlaa isa le e leng la tshupelelo ya boleo pele, a le soke tlhogo e kgaoge, mme a se ka a le fatoganya.

9A a kgatshe madi a tshupelelo ya boleo ka fa lotlhakoreng lwa sebeso, madi a a setseng a a gamogele le fa tlase ga sebeso; ke tshupelelo ya boleo.

10La bobedi a le ise tshupelo e e fisiwang, ka fa molaong; moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jo o bo leofileng, mme o tlaa itshwarelwa.

11“Fa a tlhaela, a sa kake a ntsha maphoi a le mabedi, kgotsa maebana a le mabedi, foo a a ise seromololo sa gagwe ka ga boleo jo o bo leofileng, e le kgaogano ya bosome ya seelo sa emere ya setou; a se ka a thela lookwane mo go sone, le gone a se ka a baya lebano mo go sone, gonne ke tshupelelo ya boleo.

12A a se ise kwa moperesiting, mme moperesiti o tlaa tabola mo go sone ka legofi, e le morafolo wa sone; mme a se fisetse mo sebesong, mo godimo ga ditshupelo tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo; ke tshupelelo ya boleo.

13Moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jwa gagwe jo o bo leofileng mo go sengwe sa dilo tse, mme o tla itshwarelwa, mme mo go setseng e tlaa nna ga moperesiti jaaka tshupelo ya boupe.”

Ditshupelo tsa molato

14Jehofa a bua le Moše a re:

15“Fa motho mongwe a ka dira tlolo, a leofa a sa itse, mo dilong tse di itshepileng tsa ga Jehofa, foo a a isetse Jehofa tshupelelo ya gagwe ya molato, phelefu e e se nang bogole e e tswang letsomaneng, e kaiwe ka fa o tlaa e beelang tlhwatlhwa ya selefera ka dišekele ka gone, e bong šekele sa felo ga boitshepo, gore e nne tshupelelo ya molato.

16A a lere le se o tlodileng mo go sone mo selong se se itshepileng, a se oketse ka kgaogano ya botlhano, a se neye moperesiti; moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka phelefu ya tshupelelo ya molato, mme o tlaa itshwarelwa.

17“Fa mongwe a leofa, a dira sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng a re di se ka tsa dirwa, le fa a ne a se ka a itse, le fa go ntse jalo o molato, o tlaa belega tshiamololo ya gagwe.

18A a ise kwa moperesiting phelefu e e se nang bogole e e tswang mo letsomaneng, ka fa o e beelang tlhwatlhwa ka gone, gore e nne tshupelelo ya molato; mme moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga sone se o timetseng fela mo go sone a sa itse, mme o tlaa itshwarelwa.

19Ke tshupelelo ya molato; ruri o bo o le molato fa pele ga Jehofa.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help