PESALEMA 79 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go hutsafalela tshenyego ya JerusalemaPesalema ya ga Asafe.

1 Ao Modimo, ba ditšhaba

ba tsile mo bosweng jwa gago;

ba tsentse tempele ya gago

e e itshepileng leswe; ba beile

Jerusalema diphikwephikwe fela.

2Ditoto tsa batlhanka ba gago

ba di dirile dijo

tsa dinonyane tsa loapi;

nama ya baitshepi ba gago

ba e neile dibatana tsa lefatshe.

3Madi a bone ba a tsholotse

jaaka metsi mo ntlheng tsotlhe

tsa Jerusalema;

mme go ne go se na ope

yo o ba fitlhang.

4Re ntse sekgobo fela

mo go bagarona;

re lesotlo le setshego mo go

ba ba ntlheng tsotlhe tsa rona.

5E tlaa nna lobaka lo lo kaye, Jehofa?

A o tlaa nna bogale

ka bosakhutleng?

A lefufa la gago le tlaa nna le tuka

jaaka molelo fela?

6Gorometsa bogale jo bogolo

jwa gago mo go baditšhaba

ba ba sa go itseng, le mo magosing

a a sa bitseng leina la gago.

7Gonne ba jele ba laila Jakobe,

ba bile ba beile boago jwa gagwe

kgakgabalo fela.

8O se ka wa gakologelwa maikepo

a borraetsho ba bogologolo

go re sekisa ka one;

a mapelonomi a gago a manana

a re tlele pele ka bonako;

gonne re ile kwa tlase thata.

9Re thuse Modimo wa poloko

ya rona ka ntlha ya kgalalelo

ya leina la gago, o re golole;

tlhatswa o tlose dibe tsa rona,

ka ntlha ya leina la gago.

10Ana baditšhaba

ba tlaa bo ba buelang ba re:

“Modimo wa bone o kae?”

A tefiso ya madi a a tsholotsweng

a batlhanka ba gago e itsiwe mo go

baditšhaba, mo ponong ya rona.

11A go fegelwa ga mogolegwi

go fitlhe koo fa pele ga gago;

ka fa bogolong jwa thata ya gago

a ko o boloke

ba ba laoletsweng go swa;

12ba re bapileng nabo

o ba neye mo dihubeng tsa bone

gasupa, kgobo ya bone

e ba go kgobileng ka yone, Morena.

13Jalo rona batho ba re leng ba gago,

re leng dinku tsa bofulo jwa gago,

re tlaa go ntshetsa malebogo

ka bosenabokhutlo;

pako ya gago re tlaa e bonaletsa pele

mo tshikatshikeng tsotlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help